Impala
Phala

© Roger de la Harpe

Leina

Phala [Aepyceros melampus]

Popego

E ke pudi e e tlwaelegileng ya Bushveld ya Aforikaborwa. E masego thata, pudi ya rufous-fawn, le bosweu ka fa tlase, e lekanyetsa dimilimetara tse di 900 go tswa magetleng. Diphelefu di boimagodimo jwa dikhilogeramo tse 60 tse di namagdi dikhilograma tse di 40. Mothalo o montsho o simolola go tswa godimo ga masaledi a nagamotlhodi go tswa kwa seropeng sengwe le sengwe.
Kwa tlase mo maotong a a kwa morago go na le dikgeleswa tse di ka fa tlase ga moriri o o montsho. Diphelehu fela ke tsona tse di nang le dinaka tse di bopegileng jaaka digoro mme di fitlhelela boleele jwa dimilimetara tse 700.

Dijo

Phala e ja ka mefuta e mebedi. E fula ditlhatsana le bojang mo tikologong e e elang kwa tlase kgotsa e e sephara. Makape a Acacia le maungo a a jewa fa a le teng.

Pelegiso

Go latela nako ya go dusa ya malatsi a le 194-200, go tsalwa namane e le ngwe ka tshimologo ya selemo. Kwana e itekanela go tlhakana le e ngwe ka bong ka dingwaga tse pedi. Diphelehu tse di nnye di ka kgona go tsadisa fa di le ngwaga o le mong, mme di thibelwa go dira jalo ke diphelehu tse di busang tikologo, tseo di feketsang tse dingwe fa go tla mo go tlhakaneng ka bong.
E nnye e le nngwe e tsalwa mo Lwetse - Ferikgong morago ga nako ya go dusa e e ka nnang dikgwedi tse 6.

Maitsholo a Yona

Ga se ga ntsi gore metlhape e sasankedikhilometara tse di fetang di le robedi go tswa go tlamela ya tsona ya metsi a leruri. Ka ntlha ya go tlola ka matsetseleko ditlhatsana le ditlhare, fa di tshusitswe. Go tlhakana ka bong go diragala ka nako ya fa go tsena mariga.
Diphelehu tsa bašwa di tshela ka bo tsona fela kwa ntle gwa tse di namagadi, mme tse di nang le maatla a a lekaneng go atlega mo go tlhomeng mafelo a go busa, di nna di le nosi ka bo tona le tse di namagadi ka nako e di kopanag ka bong. Tse di namagadi di tshela mo gare ga metlhape ya tse di dusang.

Bonnotlhago

Di itumelela go tshela mo mafelong a ditlhatsana dikgweng tsa Bokone le dikgaolong tsa botlhaba tsa Aforikaborwa, le mo dinageng tse di kwa ntle ga naga.

Dibatana

Phala e tsomiwa ke bontsi jwa dijanama tse dikgolo mme tse di nnye gantsi di nna ditswasetlhabelo tsa ditlhware. Phala ka jalo e nna e e ipakanyeditse go tlola matšato. Fa e nngwe ya bone ya tsona e bona kotsi, e tla kuwa mokgosi gore motlhape otlhe o kgone go siya ka ditsela tsotlhe.
Ke e nngwe gape e ya di rothisa mathe tseo tlhago e neelanang ka tsona go bona phologolo e tlola ka dikgakgamatso dimetara tse di 3 kwa godimo le dimetara tse di 12 boleele.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Leina la Selatina: Aepyceros melampus
Bokete (namagadi): dikilogeramo tse 40
Bokete (monna): dikilogeramo tse 50
Go Dusa: dikgwedi di le 6,5
Nomoro ya bašwa: 1 kwana
Thobalano go gola: Dikgedi tse 13
Boketetsalo: 5 dikhilograma
Tolamo: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Dinaka: 55 disentimetara

Tlhaloso Ya Fa E Gatileng

Maoto a a bogale, a a phepa le go supa ka boleele disentimetara tse 4 - 6.

Mo Karolong Ya Dintlha

E nngwe e e tlwaelegileng ya dipudi tsa naga ya bojang mo Aforika, phala di kailweng fa e le McDonald’s ya sekgweng jaaka di tlwaelegileng e le motswasetlhabelo wa dibatana tse di senyang. Pharologano ya matshwao tse di kwa morago di tshwana le letshwao la di kampani.