Goat's Foot

Leina

Goat's Foot kgotsa Morning Glory

Leina La Se-Latin

Ipomoea pes-caprae subsp. Brasiliensis

Tulo

Goat's Foot ke nngwe ya dithopi tsa ntlha tsa dithothana tsa kwa lobopong tse di botlhokwa thata mme e aname ka bosephara ka ntlha ya go gasaganngwa ga dipeo tsa yona ke matsubutlo a lewatle.

Thanololo

Goat's Foot ke monanabedi o o petlêkang ka dikalana tse di telele tse di tlhogang matlhare a a tsebe-pedi a o kareng ke ditlhakwana tsa podi. Dithunya di bopegile jaaka terompeta ka mmala o o phepole e e sedifetseng. Selekanyô: Matlhare a boleele jwa 60mm; dikalana di boleele jwa di-metara di le dintsi.
Semela se se tshwanang le seno: Canavalia rosea (se kwa bokone jwa Natal go ya Mozambique), monanabedi o ô thopang dithotana ka matlhare a a tsebe-tharo; se na le dithunya tse di nnye tse di phepole tse o kareng ke tsa semela sa nawa.

Dintlha Tlhagiso

Goat’s Foot e fitlhelwa kwa matshitshing a tropical le sub-tropical mmogo le dithotana tsa kwa mawatleng a Indian, Pacific le Atlantic. E tlwaelegile thata mme ga e tshabe letswai, seno se e letlelela go falola fa e tshelwa ke metsi a lewatle a a letswai.