Foxtail Buffalo Grass
Modikangwetsi

© N.Dreber

Leina

Modikangwetsi

Leina La Se-Latin

Cenchrus ciliaris

Ditiriso

Ke tlhaga ya phulô e ê siameng ka ntshô e ê kwa godimo ya matlhare le go jega. Go jega fela go ya tlase fa semela sentse se gola. Modikangwetsi fela ga o bonolo go mediswa mo mmung o ô selôkô, fela fa e setse e medile e gola sentle.

Thanololo

Boleele jo bo fitlhang 1m. Tlhaga e ê lelêdu e ê tshelang sebaka ka magare a letlhare a 8mm. Thunya-kakaretso ke kalana e ê kitlaneng e ê boselennere. Mofuta ono wa tlhaga o a jega mme o ratiwa ke dija-dimela tse di fulang. Kala ya sethunya e dikaganyeditswe ke maledu a mantsi a a makhubunyana a a tlhogang mo kalaneng e khutshwane.
Modikangwetsi o mela mo dikarolong tse di omeletseng tse di bothitho. O mela mo mefuteng yotlhe ya mmu, mme thata mo mmung o ô motlhaba le mebu e mengwe e e gamogileng. O aname go ralala Borwa le Bogare jwa Afrika le kwa Mediterranean.

Thunyô

Phatwe – Moranang mo Borwa jwa Afrika.

Dintlha Tlhagiso

Modikangwetsi ke semela se sê itshokelang komelelo se sê fitlhelwang thata kwa dikgaolong tse di senang dipula mme semela seno se rometswe kwa dinagantle di etsa Australia kwa eleng tlhaga ya furu e ê botlhokwa.