Dwarf Mongoose
Mongoose e khutswane e etlawelegileng

© Nigel Dennis

Leina

Mongoose e khutswane e etlawelegileng [Helogale parvula]

Popego

Mongoose e khutswane e etlawelegileng (helogale parvula) ke e nnye go gaisa mo lelapeng la domongoose, tse di tona le ditshadi di na el boima jwa digrama tse di 350 go ya 400 fela. Palogotlhe ya boleele ke 250mm le mogatla ka boleele jo bo tshwanang le mmele. Di fitlhelela bogolo ka ngwaga wa bobedi wa botshelo. Mmala wa letlalo la yona ke o tshwanang gotlhelele, mme e ka mmala o o botlhofo go ya go borokwa jo bo khibidu jo bo tseneletseng.

Dijo

Di ja diphologotswana tse di senang marapa a mokwatla jaaka dikhunkhwane, dibokwana, motlhwa le ditsie. Ditshenekegi tse di suleng ke ditswasetlhabelo tse di fitlhelwang mo mmung, mme fa gongwe di ka epiwa. Tse di ngwe tse di nang leamarapo a mokwatla di a tsewa ka ditiragalo tse dingwe. Maloko a mophato a nna a etse dibatana tlhoko fa ntse di batla dijo.

Pelegiso

Morago ga nako ya go dusa ya malatsi a 63, tse di tshegadi tsa baimana lebasadi di tsala ga bedi go ya go tharo. Tse di tshegadi tse di tshabiwang ke tse dingwe di ka tsala ga bedi go ya go ga raro ka ngwaga. Di tsala thata mo setlheng sa pula. Tse di busang tseo e leng tshadi le e tona ka bobedi ke tsona fela tse di kgona go tsalana le e ngwe le ngwe mo mephatong e otlhe; maloko a mang otlhe a setlhopha a thusa mo mo godiseng le go phemela tse di nnye. Batsadi ba e nnye (tona/tshadi) fa di sena bathusi di ka se kgone go godisa tse di nnye ka katlego.

Maitsholo

Ke diphologolo tse di botswa, tse di ratang go tlhola le tse dingwe le mme di busa tikologo ya tsona, di senka go ya kwa kgole ka ditlhopha. Setlhopha se ka fitlha bogolo jwa 20. Setlhopa se se sasankang se dirisa mesima ya motlhwa e e sa diriweng go robala bosigo.

Bonnotlhago

Di itumelela go nna mo mafelong a a tletseng ditlhatsana tse dinnye.

Di fitlhelwa kwa kae?

Go gasagangwa ga Dimongoose tse di khutswane mo kontinenteng bo fitlha ya Bokone kwa dikgweng tse di tletseng ditlhare, kwa Bokone le kwa Bokone Bophirima jwa Diporofense, Mpumalanga le Bokone jwa kgaolo ya KwaZulu-Natal. Di anama thata kwa dinageng tsa Bokone.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Boima (tshadi): digeramo tse 210-340
Boima (tona): digeramo tse 210-340
Boleele (tshadi): disentimitara 18 - 28 cm
Boleele (tona): disentimitara 18 - 28 cm
Go Dusa: dikgwedi di le 1,5
Nomoro ya bašwa: 2 - 4
Tolamo: Carnivora.
Lelapa: Viverridae.
Pelegiso: 2 - 4 di belegwa go tsweng kgwedi ya Diphalane - Mopitlwe morago ga nako ya go dusa ya dibeke di le 8.

Tlhaloso ya kgato ya yona

E na le dinala di le 5 mo leotong la kwa pele, wa ntlha ko o mo nnye mme o letse kwa morago ga bogare jwa mosamo. Monwana wa ntlha o o bapileng le mosamo mo leotong la kwa pele, mme e ka bonagala fa phologolo e tsamaya ka iketlo, e ka nna ya se bontshe fa e phakisa kgotsa go taboga. E na le menwana e e 5 mo leotong la kwa morago, mme ke fela lenala la monwana wa ntlha le ka bonagala, kwa morago ga e mengwe e 4. Dinala tsa maoto a kwa pele di ditelele, di segoro mme di bogale, go lekanya go fitlha go 10 ya dimilimetara go ralala segoro mme di tlwaeditswe go epa. Tse di kwa maotong a a kwa morago di di khutshwane, go ka nna 8 ya dimilimetara.