Creeping Bristle Grass
Thusane

Leina

Thusane

Leina La Se-Latin

Setaria sphacelata var. torta

Ditiriso

Ke tlhaga e ê jegang e ê fulwang e le tota. E tlhagisa palo e ê kwa tlase ya matlhare le fa gole jalo. Medikgolo e dira Thusane tlhaga e e siametseng go sireletsa mmu o ô lemilweng, o ê melang mo go ona nako ê ntsi, kgatlhanong le kgogolego.

Thanololo

Thusane e gola go fitlha boleele jwa 0,5m mme e khutshwane, ke tlhaga e ê tshelang sebaka e ê nanabelang, nako dingwe e lelêdu. Medikgolo e mekhutshwane. Matlhare gantsi a kokoane kwa thitông.

Tulo

Mebu ya matlapana a granite e ê gamogileng; e botlhokwa mo tshomarelong ya mmu ka ge ê bopa menamo e ê tlampurelang mmu. E mela go ralala tropical Afrika.

Thunyô

Lwetse - Mopitlwe