Cordgrass

Leina

Cordgrass

Leina La Se-Latin

Spartina maritima

Tulo

Cordgrass is tlwaelegile kwa Amerika Bokone le Borwa, karolo tsa Yuropa le kwa lôbôpong lwa Afrika Bophirima fela go akanyiwa fa e le motswakwa mo Borwa jwa Afrika ka ntlha ya boemô jwa yona jwa go mela fela kwa lôbôpong lo lô kwa bophirima.
E ikabile thata kwa makopanelong a dinoka le lewatle mo mabôpong a a kwa Borwa-Bophirima le Borwa-Botlhaba kwa e ipopang ka kitlano fa tlase fela ga bogodimong jwa lekhubu.

Thanololo

E bopa maledu a matlhare a a masesane a tlhaba, a le makgwakgwa mme a menagane; tlhogwana ya sethunya e na le kalana tse pedi tse di papatlagantsweng ka bobedi. Selekanyô ke 40 cm.

Ditlhagiso

Mokôlôkô wa go medisa dijalo tse di tshika-pedi go ralala lefatsha kwa tlhaga eno e neng ya goroswa teng o diragetse. Gore go tlile jang gore cordgrass e nne gone mo Borwa jwa Afrika ga go itsiwe fela e katswa e rwetswe ke dikepe go tswa Afrika Bophirima tse di fetang.