Common Finger Grass
Nabile

© Johan Wentzel PhD

Leina

Nabile

Leina La Se-Latin

Digitaria eriantha

Ditiriso

Ke tlhaga e ê jegang e ê kaiwang fa e le nngwe ya ditlhaga tsa mafulo a tlhago le a a lemilweng tse di siameng e le ruri (Mangole Maseka ke tlhaga e ê lemiwang e ê itsagaleng fa e le yona e ê siameng go di feta) mo borwa jwa Afrika. E nna e ntse e jega go fitlha thari mo marigeng mme gantsi e dirisetswa go dira furu.

Thanololo

Boleele jo bo fitlhang go 1.8m. Ke tlhaga e ê lelêdu e ê tshelang sebaka ka magare a letlhare a 14mm. Thunya-kakaretso ya dikalana tse 3 go ya go 15, mo ngataneng e le nngwe kgotsa tse pedi, e ka bonwa kwa ntlhaneng ya thitô. Karolo e ê fa tlase ya semela gantsi e meritshana.

Tulo

Nabile e mela mo mmung o ô motlhaba kwa dikgaolong tse di senang dipula le mo mmung o ô bongôla jaaka fa thoko ga ditsobôtla kwa dikgaolong tse di dipula. Nabile e fitlhelwa go ralala borwa jwa Afrika.

Thunyô

Ferikgong – Moranang

Dintlha Tlhagiso

Nabile ke semela se se dirwang e se ka tlhagô thata ka mefuta ya kgaolo e e akaretsang Mangole Maseka, Moyane le Pongola.