Bodumedi le Ditumelo tsa Batho ba San

Mefuta ya Ditumelo

©Shem Compion

Go na le mefuta e le mentsi ya ditumelo mo gare le fa e le mo bathong ba ditlhopha tse di farologaneng tsa San, mme gape go na le tse di tshwerweng mo go tshwanang, le fa gare ga dikgaolo tse di kgaoganeng. Kwa morago ga ngwagakgolo wa bo 19, monna wa Xam, (wa San wa kwa Kapa Bokone) le o mongwe go tswa kwa Lesotho ba tlhalositse tumelo ya bona mo go kaiwang e le /Kaggen kgotsa Cagn.

Kaggen e ne e le kopantsha ya ramathaithai le mmopi – o o maatla le ka dinako dingwe pelontle, mme ba ka kgona go nna letshwenyo, bopelomaswe le go dira dilo tsa boeleele. O ne a akanngwa e le ena a tlhodileng phofu, phologolo e e tlhagang thata ditshwantshong tse di takilweng mo matlapeng mo Aforika Borwa.

Batho ba San ba kwa Kgalagadi ba le motho o o tshwanang le ramathaithai wa mo kanelong ya ditso tsa bona. Ju'hoasi o tlhalositse modimo o o kwa tlase le o o kwa godimo, o o fetileng o tsamaelana le botshelo le letsatsi le le tlhabang, wa bofelo ka loso le bophirima. Tumelo e e neng e bonala gongwe le le gongwe e neng e tshwerwe e ne e le gore, fa lefatshe le ne le tlhodiwa la ntlha, diphologolo di ne di sa farologana le batho ba ntlha.

Batho ba ba ne ba ise ba ba amogele setso le mekgwa. Fela morago ga go tlhola la bobedi e ne e le batho le diphologolo tse di kgaoganeng, mme batho ba ithutile go ikobela melawana ya loago. Ditlhamane tse di rileng le dinoolwane, gongwe ya bogologolo tota, le tsona di boletswe ka bophara.

Ditumelo ka ga loso ga di tshwane. Ka ngwagakgolo wa bo19, ene monna wa Xam o ne a tlhalosa gore ka nako ya loso lwa motho pelo e ne e ya kwa loaping, moo e ne e nnang naledi. Mo gare ga batho ba San le bona, ba kgalagadi ba sešeng jaana, naledi thunyi e amanngwa le motho yo o tlhokafetseng.

Batho ba bangwe ba San ba kwa borwa (ba ba tlisang pula) kgotsa bobe (komelelo) nako kwa botsalong, mme e tsoga gape ka loso. Go nesa pula e ne e le karolo e e botlhokwa ya tumelo ya bodumedi ba batho ba San ba borwa le meetlo. Xam ya kwa Kapa Bokone (eo puo le tshwaragano ya setso e sa tlholeng e le teng) e tlhalosa 'baitseanape ba pula', gammogo le 'motshameko wa baitseanape' le 'baitseanape ba bolwetse’ (dingaka). Ditumelo tsa sedumedi tse di itsegeng go tswa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa batho ba San ga jaana di botlhokwa go tlhaloganya botaki ba letlapa ba Borwa jwa Aforika.

Translated by Lawrence Ndou