Gompieno go feta seripa gare sa Batsonga ba mo dikerekeng tsa Sekeresete, bogolosegolo Dikereke tse di Ikemetseng kgotsa Kereek ya Evangelical Presbyterian (Boromiwa ba maloba ba kwa Siss). Bokeresete bo ngoka palo ya balatedi e e oketsegang ya badumedi mo gare ga ba ba rutegileng mo ditoropong, mme mo mafelong a dinagamagae ditumelo tsa setso di sa ntse di na le maatla.
Go ya ka setso bontsi ba Batsonga ba dumela mo mothong wa kwa godimodimo, yoo go tlhamiwa ga motho le lefatshe go neng go bakilwe ke gone. Ditumelo tsa Batsonga di ikaegile mo go rapeleng badimo.
Ba dumela gore motho o na le mmele o o tshwaregang (mmiri), le mme wa semowa ka dintlha di le pedi, moya le ndzuti. Moya (o tsamaelanang le mowa) o tsena mo mmeleng kwa botsalong, mme mo losong o gololwa go nna le badimo. Ndzuti o golagane le seriti sa motho mme se bontsha dipharologantsho tsa botho – ke ‘motsayamalebela'' wa motho oo, mo losong, a tswang mo mmele go ya kwa lefatsheng la semowa.
Mowa wa moswi (swikwembu) o tlhotlheleditswe ke dipharologantsho tsa botho tsa motho. E seng fela gore go na le botshelo kwa morago ga loso, mme fa a tsena mo lefatsheng la baswi motho o nna a na le kgolagano le ba ba tshelang. Mo go Batsonga ba le bantsi gompieno 'setšhaba' se kaya bogotlhe bo bo akaretsang, bobedi go akaretsa le ba ba tshelang le ba ba tlhokofetseng.
Go kgona go fokotsa go tsena ga mowa wa motho yo o sa tswang go tlhokafala e ne e le mo gare ga maemo a badimo, moletlo wa kamogelo o a dirwe ka bonako fela morago ga phitlho. Loso lwa leloko la muti lo dira gore botlhe ba losika ba se nne phepafa ka moetlo mme meetlo ya go phepafadiwa di ne di diragadiwa ka dinako tse di farologaneng tsa letsatsi le letsatsi mo dikgweding di le mmalwa.
Go rapela badimo, go sa ntse go dirwa gompieno, go tlhoka tiragatso ya meetlo, segolo thata mo nakong ya mathata, ka fa tlase ga bokaedi jwa nanga (ngaka). Balelapa ba kokoana kwa go gandzelo (e beetswe kwa thoko go ka dira meetlo le ditlhabelo) go tlotlomatsa mewa ya badimo ba bona.
Dijo le dino di beilwe mo gare go jaaka setlhabelo sa badimo ba ka tlwaelo ba lebogiwang ka go tlamela batho mo nakong ya mathata. Dikopo le tsona di ka dirwa ka go tsereganya ga bona ka mathata a a rileng le ka dinako tsa mathata. Mewa ya badimo gape go ka buisanwa le yona ka tsela e e sa tlhomamang le kwa ntle ga moetlo wa setlhabelo, ka thapelo.
Batsonga gape ba dumela mo meweng e e siameng le e e bosula. Mewa e e siameng e tlisa le dira gore pula e diragale. Mewa e e bosula (buloyi) di laolwa ke baloyi (Baloyi) ba ba ka tlisang kotsi e kgolo mo setšhabeng. Moloyi a ka nna le kitso ya gore o na le mowa o o bosula mo go ene le go o dirisa mo mosoleng wa gagwe, mme go le gantsi buloyi Mbo tsena motho yo o tlwaelegileng kwa ntle le go nna le kitso ka ga bona, mme o tlogele mmele wa gagwe bosigo fa a robetse.
Go nna teng ga baloyi gantsi go amantshwa le bolwetse jo bo tswelelang le madimabe. Fa gongwe bolwetse bo amogelwa jaaka karolo ya tlhago ya botshelo, mme Batsonga ba le bantsi ba dumela gore motho yo o sa itekanelang o tla fola ka boena ka nako ya gagwe.
Pholo e ka itlhaganisiwa ka dikopantsho tsa melemo tse di ka tsamaisiwang ke maloko a lelapaa a nang le kitso. Le gale, fa bolwetse bo le masisi kgotsa modikologa wa madimabe o tswelelang go ya pele, ke bosupi ba tsereganyo ya mewa e e bosula mme kalafi e tshwanetse go bonwa mme e tshwanetse go bonwa kwa ngakeng.
Phodiso ya buloyi e dirwa ke nanga kgotsa mungoma, yo o rerisana le badimo ka marapo, magapi le botaki bo bongwe (tinholo kgotsa mavula). Tinholo di latlhelwa jaaka didaese mo mosemeng go tswa mo setshelong; go ya ka maemo a di kotameng ka ona mo lefatsheng, ngaka o tlhomamisang setlhola bolwetse le gore go dirwang go siamisa seno.
Translated by Lawrence Ndou