Blood Lily
Mathubadifala

© Nigel Dennis
Blood Lily.

Leina

Mathubadifala kgotsa Blood Lily kgotsa Paintbrush Plant

Leina La Se-Latin

Scadoxus puniceus

Thanololo

Mathubadifala ke sethunya se se ntlê e le ruri. Se gola boleele jo bo fitlhang 500mm mme se na le thitô e e thunyang ya dikôlô e le mmala o mohibidu le borokwa ka matlhare a a botala jo bo tshutshumang a o kareng makhubunyana. Sethunya se se ntlê seno, sa bophara jwa 150mm, se na le matlharethunya a mmala o mohibidu go ya go o ô bohibidu le borokwa, a a dikaganyetsang dithunya tse di mmala wa namune o ô fifitseng go ya go o ô mohibidu. Go thunya go simolola ka Diphalane go fitlha Ngwanatsele.
Mathubadifala o ka fitlhelwa o mela mo moriting kwa nageng ya tlhaga le mo kgaolong tse di matlapa kwa bokone jwa Afrika Borwa, le go ya bokone jo bo fitlhang kwa Tanzania.

Peo

Moretlwa o mohibidu o ô nonneng ke sejo se se ratiwang ke dinonyane le setlhora.

Dintlha Tlhagiso

Mathubadifala o ne wa kaiwa fa e le Haemanthus magnificus fela o ne wa kgaoganngwa le tshika eo ka ntlha ya matlhare a ona a a mo dikalaneng.
Segwere sa mathubadifala se na le botlhole jo bo ka nnang kotsi fa bo le bontsi, fela bo dirisiwa mmogo le medi mo dikalafong di le mmalwa, go akaretsa tsa mogotlhwane, mafatlha, lepêrô le jaaka sethibêla ditlamorago tsa botlhôlê mo mmeleng.