Batlhokomedi le Bolaodi ba Bobatana

©Ann Gadd
Diruiwa di ka tsa tlhokomelwa kgatlhanong le bobatana ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa ka tiriso ya badisa, dintša tša go tlhokomela, di-alpacas, ditonki, dintšhe le thekenoloji tse dišwa.

Badisa

Modisa e ka nna nngwe ya letlotlo le le botlhokwa go molemirui. Modisa o o siameng ka tlhago e tla nna morui, o kgona go supa fa sengwe se le phoso ka phologolo bonolo le go se tlhole kgatelelo epe fa a dira le go tsamaiso ya diruiwa. Kwa ntle ga go tlhokomela leruo, ba tshwanetse go ka kgona gape go direla pele ka go thibela bobatana ka go tshola magora mo maemong a a siameng le go tsaya dikgato tse di feteletseng go sireletsa tse di leng mo kotsing kgotsa tse di lwalang kgatlhanong le dibatana.
Yona, le gale, ke tiro e e bodutu e kgetholotsweng, e tlhoka diura tse ditelele kgakala le legae, bogolosegolo fa diruiwa di ntshiwa mo dikgaolong tse dikgolo. Batho ba le bantsi ka jalo ga ba sa tlhole ba batla go dira tiro eno, e feletsa mo botsing ba “kitso ya go disa e ntsi” e sa tlhole e fetetswa kwa tlase go tswa tshikeng e nngwe go ya go e nngwe.
Go ya ka Dibatana mo Diruiweng tse mo Polaseng, kaedi ya balemirui e e mosola ya botsamaisi bo bo seng kotsi, ba maitsholo a a amogelesegang mo tikologong. E kwadilwe ke Bool Smuts, tiriso ya batsomi le fa go ntse jalo e hema botshelo jo bo ntšhwa mo mmarakeng wa tiro le dipoelo tse di siameng tsa, ekonomi le loago le tikologo, segolobogolo fa tiro e patilwe ke dithotloetso tse di siameng, jaaka kabelanopoelo kgotsa tirisanommogo.

Dintšwa tsa Tlhokomelo

©Ann Gadd
Badisa, mo tsamaong ya dingwaga, ba ne ba dirisa mefuta e e farologaneng ya dintšwa go ba thusa go sireletsa diruiwa kgatlhanong le dibatana. Ditswadiso tsa leidi tse di farologaneng di ne di dirisiwa ka katlego, ka Anatolia ya Ntšwa ya Modisa ya kwa Turky e leng nngwe tse di gaisang tse di itsegeng. Go setse go lekanyeditswe gore ntšwa e e siameng ya go tlhokomela e ka fokotsa ditatlhegelo tsa thoto ka go fitlha go diphesente di le 90.
Tse ke dintšwa tse di dirang, di bewa le diruiwa mo dibekeng di le thataro go ya go di le robongwe ka bogolo. Ntšwa e tshwanetse go nna le diruiwa ka gale mme e seke ya tlogelwa e le nngwe ka mo lesakeng, le fa fela e le gore diruiwa di le pedi fela di nna le yona, go netefatsa kgolagano fa gare ga ntšwanyana e e golang le diruiwa tsa yona. Ntšwa e tla nna e e tlhokang mosola fa kgolagano e sa tlholege.
Fa di ntse di tshwanetse go itse mong wa tsona, e tshwanetse go gatiswa mo phologolong gore e tshwanetse tlhokomela diruiwa e seng lelapa, polase kgotsa batho ba yona. Ntšwa gape ga e a tshwanela go letlwa go siana le go tshameka le diruiwa jaaka e gola, jaaka fa seno se tla tsenya diphologolo mo kotsing. Ntšwa gape e tshwanetse go itsesiwe le diruiwa tse dingwe kgotsa diphologolo tsa balemirui ba bangwe, go thibela gore e bone diphologolo tse jaaka matshosetsi.
Ntšwa ga e a tshwanela go letlwa go sianisa diphologolo tsa naga mme e rutwe go itshokela diphologolo tsa naga tse di senang kotsi. E ka se kgona go dira tiro ya yona fa e ithuta go tsoma.

Alpacas

©Jacques Marais
Alpacas e tshwanetse go godisiwa le diruiwa go netefatsa gore di tlhama kgolagano e popota le diphologolo tse. Fa fela kgolagano e setse e dirilwe, di tla nna le kelotlhoko e kgolo go disa le go tlhokomela tikologo ya tsona le go leleka, go kgwela, go loma, go raga e e simololang le go itaganya matshosetsi mangwe le mangwe. Alpacas ka thato e tshwanetse go dirisiwa ka ditlhopha tsa pedi, ka tse pedi di tshotswe ka dinamagadi tse di ka nnang 250 mo diheketareng tse 250.

Dibatana mo Diruiweng tsa mo Polaseng, kaedi e e mosola ya balemirui, e bega gore alpacas e ka oketsa diphesente tsa diphelehu ka go fitlha go di le 20 le go fokotsa ditatlhegelo tsa dibatana ka diphesente tse di ka nnang di le 80.

Ditonki

©Ann Gadd
Le fa e lel gore ditonki ka tlwaelo di ne di dirisiwa jaaka diphologolo tsa setlhopha, gape di dira diphologolo tse di botoka tsa motlhokomedi. Kwa Kenya, sekao, di ne di dirisiwa go sireletsa kgatlhanong le ditau. Di na le maikutlo a tlholego a motlhape, ka jalo ka maikutlo a tlholego di tla tsamaela le go tswelela go nna le motlhape o e godisitsweng le yona. Ditshegadi di a ratiwa go feta banna, jaaka dipoo di nnile bogale go diruiwa tse dingwe mme di ka tlhola tshenyo ya legora.

Translated by Lawrence Ndou