African Rhino
Tshukudu

© Roger de la Harpe

Ketsiso

Diamusi tse di lemogwa bonolo ka seemo sa tsona le dinaka mo phatleng. Ditshukudu di na le sebete mme o ka di bona di fula le ditau kwa ntle ga letsapa le le di fisang pelo, le ditau ka go bonagala di bo di sa di tsee tsia ka go mme di tshwana fela. Magodu a a bolayang ditshukudu a a tshwanetse ke go rweswa boikarabelo ka molato wa go fokotsega ga losika loo tshukudu.
Kwa Phakeng ya bosetjhaba ya Kruger Tshukudu e Tshweu (Ceratotherium simum) go a direga gore o e fitlhele kwa sekgweng sa Sabie le noka ya Crocodile, le go bapa le Shingwedzi le Letaba. Tshukudu e ntsho (Diceros bicornis) e fitlhelwa sekgweng se se kitlaneng sa mmitlwa kwa Borwa jwa Kruger magareng a Skukuza le Pretoriuskop gape le kwa tlase ga Sabie gaufi le ledibogo la Crodocile.

Mokgwa le ka nalo e Ditshukudu di robalago

Ditshukudu di lala di eme kgotsa di patlame nako e e kana ka diura tse di 8 ka letsatsi mme di fela di khutsa kgafetsa. E ka fitlhelwa letse ka fa tlase ga setlhare fa letsatsi le le mogote, fela fa e robala borokolo jo bo golo, e robala ka letlhakore mme maoto a kobegile.

Mokgwa o o di itimolang mogote ka ona

Mo letsatsing le le mogote ditshukudu di ikhutsa meriting ya ditlhare kgotsa di bone mo lefelong la go pitikale kwa lerageng. Leraga ga le e timole fela, fela le thibela letlalo go dinwamadi le letsatsi. Ditshukudu di atisa go sasanka gantsi bosigo, segolo setona mo go phodileng e bile go se letsapa. Gape di tla nwa metsi fao di tla a filthelwang teng.

Lenaka la tshukudu le dirilwe ka eng le gone goring le batliwa jaana?

Lenaka la Tšhukudu ga le ya dirwa ka moriri o o patagantsweng go ya ka moo go neng go naganwa ka teng, fela le dirilwe ka Keratini (e leng yona e dirang dinala, mengapo le ditlhako tsa diphologolo). Lenaka le batlega that ka tumelo ya gore le dira melemo. Kwa Yemen lenaka le le dirisiwa mo botshwarong ja thipa e kgolo mme newa masogana fa ba aloga bojale e le se supo sa gore ke banna.

Pharologano magareng ga Tshukudu e ntsho le e tshweu ke eng?

Ga go pharologano epe ka mmala bogareng jwa diphidi tseno tse pedi, mme leina la Tshukudu e tshweu le kaya molomo, “Wyd” kgotsa “Wide” (o bulegileng). Molomo wa Tshukudu e ntsho ke o o kobegileng go farologana le o o sephara wa Tshukudu e Tshweu. Tshukudu e fula bojang jo bo kwa tlase mme Tšhukudu e ntsho e fula ditlhare le bojang jo bo telele, ke ka fao melomo ya tsona e farologaneg jaana. Go na le pharologano ka bogolo, mme Tshukudu e tshweu e kgolo go tsoo pedi.