African Giant Pouched Rat
Peba e kgolo ya Afrika ya mokwatla
Leina
Peba e kgolo ya Afrika ya mokwatla [Cricetomys sp. Ansorgei].
Peba e kgolo ya Afrika ya mokwatla ga ntsi e akaretswa le Peba ya mokwatla ya Gambia, e e arogantsweng jaaka phologolo e e tswang go Peba e kgolo ya mokwatla ya kwa Borwa.
Ponalo
Peba e kgolo ya Afrika ya mokwatla e na le mogatla o o mo telele, o o senang bowa o nne le bosweu ko mafelelong, mme o apesitswe ka letlalo le le setlha. Ka papiso le mabowa a ma telele, mo karolong e ko fatshe e na le mmala o batlang go retela. Matsogo a masweu. Sefatlhego se dikaganyeditswe ka ditedu tse di telele tse di ntsho. Fa le godile le ka na dimilimetara tse 750 go tloga kwa nkong go fitlha mafelong a mogatla, le mogatla o ka nna dimilimetara tse 410 ka botelele. Palogare ya boima jwa tona e ka na dikilometara tse 13, mme ya tshadi e ka ba dikilometara tse 12, matlho a ma nnye a dikadikilwe ke segweswa se se ntsho mo leitlhong.
Dijo
Peba e kgolo ya Afrika e ja mefuta e me ntsi ya dijo e e akaretsang dimela le diphologolo. Mo dijong tsa yona di akaretsa dikhungkhwane, motlhwa, maungo le mefuta ya merogo. Di na le kgetsana ya marama e tshwarang dijo le dingwe tse tswaneng go bolokwa.
Tswalo
Morago ga go dusa sebaka sa malatsi a 27, ya tshadi e tla tswala dikolojana tse di ka nnang pedi kgotsa tse nne. Peba e kgolo e tswala gantsi ka nako ya Selemo. Tse nnye di tla tswa kwa sentlhageng ka morago ga dibeke tse thataro kgotsa di tlogele sentlhaga ka morago ga dikgwedi tse tharo.
Boitshwaro
Peba e kgolo ya mokwatla e tlwaetse go bonagala bosigo mme e rata go sasanka e le nnosi kwa ntle le ge e dusa. Dipeba tse kgolo tse tona le tsa ditshadi mofuta wa tsona o tswelela pele. Peba tse kgolo tsa Afrika dinaga ka dinaga tseo di nang le dipula e e lekanang dimilimetara tse 800 ka ngwaga.
Di fitlhjelwa kae?
Go na le mefuta e mmalwa ya diphologotswana tsa dipeba tsa Afrika, tseo ka bonnye di gopolwang gore di fitlhelwa mo Afrika Borwa. Di tlhagelela gantsi kwa Lebowa la Profense ya Lebowa.
Tse botlhokwa
Dipeba tse kgolo tsa mokwatla di a rutwa go dupelela dithuthupisi kwa mafelong ntsi a Afrika. Go bonolo go ruta dipeba, go phala go ruta ntjwa. Dipeba gape ga di tlhwatlhwa e e kwa godimo go di ruwa. Dipeba di ka ba tsa feteletsa malwetsi mafelong a go latlhwang maswe, mme go na dipolelo tsa gore Dipeba tse kgolo tsa mokwatla di ka ja masea le batho bagolo fa ba robetše.