SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedNare ya Afrika - Dimamale - Afrika Borwa

African Buffalo
Nare ya Afrika

© Shem Compion

Leina

Nare ya Afrika kana ya kwa Kapa (Syncerus caffer)

Ponalo

Ke mofuta wa kgomo e e tiileng thata ya naga. Nare ya Afrika e fitlha mo legetleng ka go ya kwa godimo dimilimetara di le1.5, mme ka boima jwa dikilograma tse di 750 tona le tshadi di na le dinaka, tseo e leng tse tona di bonala ka dinaka tse di boima tse di lebeletseng kwa godimo mme a bontsha boetapele.

Dijo

Motlhape wa dinare a na le matla a a siameng mo go boitekanelo jwa naga. Di tsaa boikarabelo ka go fokotsa bojang jo bo telele gore bo nne jo bo khutswane tse dingwe tsa diphologolo gore di kgone go fula go ya ka tlwaelo ya tsona.

Pelego

Di tlaetse go tlhakana jaaka ya tshadi le e tona mo dikgweding tsa Mopitlwe le Motsheganong, di dusa sebaka sa go lekana malatsi a 330 ka namane e le ngwe dikgweding tsa Ferekgong le Moranang, ka palo ya tsona ka go ya kwa godimo ka kgwedi ya Tlhakole. Mohlape o o ratang go nna le tse dingwe wa di Nare tsa Afrika di bonwa gantsi di fula ka palo e makgolo a mmalwa. Fela tse dingwe tsa sethlopha se se nnye di ka bonwa ka nako ya lešekere.

Boitshwaro

Gantsi di tsomiwa ke ditau, ge engwe ya motlhape e tlhaselwa, tse dingwe di tla phakisa go e thusa. Ka go kgobokana ka palo, dinare di kgona go swabisa setlhopha sa ditau mme se bo se di bolaisa tlala. E tona e e gobetseng ya nare e tseewa e le kotsi ke batsumi. Mme ke e ngwe ya mabaka ao e le yona e balwang go nna e nngwe ya diphologolo tse tlhano tse kgolo. Mokgwa o, ke o mongwe wa boitemogelo ba batsumi ba kgale.

Di fitlhelwa kae?

Di phela kwa bangeng mo go sa fitlhelweng pula e ntsi mme e nne le bojang. Metlhape e megolo ya Dinare tsa Afrika e fitlhelwa kwa Phakeng ya Setjhaba ya Kruger, metlhape e me nnye e fitlhelwa kwa Kwa-Zulu le Kapa Botlhabela.

Tse botlhokwa

Go polelo ya gore Nare e go lebelela o kare o e kolota madi, mme se se Tlhagiso e e leng bosupi jo bo tsenelesteng fa o kopana ke yona kwa nageng.
Dinare ke bafitisetsi ba ditwatsi tse kotsi go phologolo tsa kwa gae, mme Dinare tse tlhokang bolwetsi ke tse di ruilweng mafelong a tshwanang le Kapa Botlhaba kwa Afrika Borwa, mme di theko e e kwa godimo.