Wrasse

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Wrasse

Leina la Matshamekwane

Lipfishes

Leina la Maranyane

Labridae

Semeto

E ka nna 2,5 m, mme gantsi di ka ballwa go 45 cm.

Ponalo

Mmele o boleele o o pataganeng. Mogatlana wa mokwatla o moleele. Mogatlana wa kwa morago o bokgolokwe, fa tse dingwe dile dukhutshwanyane, mme tse dingwe dile forked, fa tse dingwe di kobegile. Makakapa a a borethe. Di mebalabala mme ga go thata go dibona fa thoko ga matlapa a lewatle – Mmala wa namune, mmala wa lephutshe, botala ba legodimo, bosweu, botala ba tlhaga, le bontsho ke dingwe tse mebala e o ka dibonang ka tsone. Tse dimmotlana tsone di farologana le tse di tona ga e di lebelela.

Dikitsiso

Tlhamagano ya lelapa la Labridae e na le mefuta e le 69 le dibopiwa dile 500. Bontsi ba tsone di nna bo matlapeng a lewatle (reefs). Di bonala gape mo santeng e e kwa tlase ga lewatle, mo di weedbeds, le di roockpools. di kgona le go fetola bong ba yone fa e tona e ka swa (sexually dimorphic). Tse dingwe tsa tse dinnye di ka itshwara jaaka ditlhapi tse di phepafatsang mo matlapeng. Di itsege jaaka di ‘Pelagic spawners’ se se rayang gore di tsalla mo metsing a lewatle.

Dijo

Di fepa ka zooplankton, ditlhapi le dibopiwa tse di senang lerapo la mokwatla (invertebrates) jaaka diboko tsa di’polychaete, di’brittlestars, makakauwe (crabs) le di’shrimps.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Goldsaddle wrasse - Bodianus perditio
Lyretail wrasse - Bodianus anthioides
Napoleon wrasse - Cheilinus undulatus