Vine Snake
Noga ya Vine Snake

© Roger de la Harpe

Leina

Southern Vine Snake, Twig Snake, Bird Snake [Thelotornis capensis capensis]

Mophato

Reptilia

Thlomagano

Squamata

Lelapa

Colubridae

Mophato wa Dibopiwa

3 races are recognized

Botelele (Namagadi)

975 mm

Botelele (Tona)

1 062 mm

Ponalo

Noga e e tshesane thata, Tlhogo o kare lerumo ka matlho a magolo, bontsho ba matlho a tshwana le mosima wa senotlolo. Makwapa a yone a gasagasane ka mela e 19 bogare ba mmele. Mogatla wa yone o motelele thata, Mmele o mmala wa dkotana(twig-coloured).

Phatlhalatso

E bonwa kwa botlhaba le kwa borwa ba Afrika, Kwa di-rain forest tsa kwa bogare le bophirima ba Afrika e tsetswe sebaka ke mophato wa T.kirtlandii.

Tsalo

E namagadi e beela mae a ka nna 4 - 18 a mannye, a a boleele, ka paka ya selemo. Mae a thuba ka Mopitlo morago ga sebaka sa malatsi a le 60 - 90 a elame. Mmotlana o ka meta botelele ba 230 - 331 mm TL mme ka boima ba 3 - 4 g. E namagadi e beela di-clutches tse pedi paka e le nngwe.

Botlhole

Setlhabelo se bolayiwa ke botlhole ba yone, mme e tla se kometsa e lepelela kwa tlase.

Dijo

Dijo tsa yone di a farologana mme e ka ja mekgantitswane, digwagwa, dinonyane tse dinnye, le dinoga tse rileng.

Di-Field Notes

Noga ya Vine Snake e itsewe gape ka leina la Twig Snake ka gonne e na le setshwano sa makala a mannye ya setlhare. Kwa mafelong a mangwe e bidiwa Bird Snake ka gonne e rata go tsoma dinonyane tse dinnye