Thupiso ya SeVenda

Kgolô ya Monosi

©Dr Peter Magubane

Kgolô ya monosi e ne e lejwa jaaka motseletsele wa magato, mme bonana le nyalô di ne di tshwaya magato a a botlhokwa. Phetogelo gotswa go le lengwe goya go le le latelang e ne e kgontshwa ke maatla a a kwa ntle (badimo, mewa e e siameng le e e bobe, baloi ba bong ka bobedi), a a ka tsenyang dithotloetso tse di siameng le tse di bosula mo bathong.

Dikolo tsa thupiso di ne di ruta barupiswa ka tse ba ka di solofelang le gore ba itshole jang mo logatong lo lo latelang. Ka mediro le metanso, ba ne ba ka ikgaoganya le diphoso tsa maloba mme ba tlampurele le bokamoso. Mediro e ne gape e tsosa tshegetso ya badimo mme e natlafatsa barupiswa ka boselamose. Ka go tshwarelwa kwa, kgotsa gaufi le, metseng ya mahosi le magota fa go ne go na le batsayakarolo ba ba lekaneng, e ne e sa diragale ngwaga le ngwaga. 

Mosetsana wa MoVenda o tsenela dikolo tsa thupiso di le tharo tse di kgolo: vhusha ka bonana; tshikanda, go natlafatsa vhusha; le dombani, sekolo sa pele ga lenyalo. Ko malobeng, basimane ba ba tsenetseng thondo le bona ba ne ba tsenela dikarolo dingwe tsa dombani, fela gompieno ke fela ba le mmalwa ba ba dirang jalo, mme dikolo tsa basimane, vhutuka le thondo, ga di sa tlhole di le teng.

Ba le ba ntsi ba tsenela murundu, e e tsentsweng tirisong mo logatong la moragonyana. E diragalela kwa ntle ga motse, gantsi mo thabaneng kgotsa kwa thabeng, ka dikgwedi tsa mariga tse di omeletseng, go thusa mo phekolong ya ntho ya thupiso.

Malatsi a, palo e e oketsegang, segolo thata kwa mafelong a setoropo, e rupiswa ke dingaka tsa sekgowa go na le gore ba rupiswe ke baitseanape ba tsa setso. Dingwe tsa dingaka tseno di itlhametse mediro e e leng ya tsona mme ba tlhaba phologolo morago ga gore palo e e rileng ya batho e rupiswe, go neela karo mokgwa o o rileng wa 'bosetso'. 

Magato a Thupiso

©Dr Peter Magubane

Vhusha (thupiso mo bonaneng) e kile yabo e tsaya sebaka sa dikgwedi di le mmalwa, fela gompieno gantsi e tsaya sebaka sa malatsi ale robedi fela. Basetsana ba rutwa gore boikobo ke modi wa bosadi jwa SeVenda. Fa ba beilwe ka boitlhaolo kwa lefelong la thupiso, ba itshwara ka tsela ya botlhanka, ka go tshola ditlhogo tsa bona di obame, magetla a wele mme matsogo a phuthilwe, kgotsa diatla di funnwe ka fa tlase ga diledu tsa bona.

Ba dira ditiro tse di sareng sepe, ba rwala morwalo o o bokete mo mekokotlong le mo ditlhogong tsa bona, ka go itsoketsa mo dimpeng, kgotsa go tshwara malatlha mo diatleng tsa bona. Ba rebolelwa thuto e e tseneletseng ka ga thobalano, maitsholo a thobalano, tshepiso-nyalo le lenyalo, le go efoga kimo pele ga lenyalo. 

Pharologantsho kwa tshimologong e ne e dirwa magareng ga vhusha ya barwadi ba kwa bogosing (vhusha ha vhakololo) le ya batho-botlhe (vhusha ha vhasiwana). Kopelo, go bina le go ithuta milayo e ne ele dintlha tse di botlhokwa tsa sekolo sa batho-botlhe. Sekolo sa ba kwa segosing se ne sele bofitlha go feta, mme go le gonnye go itsiwe ka ga sona.

E ka nna ditiragalo tsotlhe tsa sona tse di neng di tshwarelwa kwa ntlong e e itlhaotseng kwa motseng wa kgosi, mme go ne go sena mmino o o begelang setšhaba gore sekolo se tsene. Ne go sena mothofela yo a neng a ka tsena vhusha ya segosi, fela ba bogosi ba ba setseng ba tsene vhusha ba ka etela vhusha ya batho-botlhe ka nako e ba e batlang. 

Tshikanda (go natlafatsa vhusha) e ne e dirwa pela fela ga dombani, dingwaga dingwe le dingwe di le tharo kgotsa nne. Dombani, e e tshwayang bofelo jwa tsamaiso ya thupiso, e ne ele phalolo ya bofelo ya go nyala. Go letswa ga lenaka la tholo (phala phala) go ne go tshwaya tshimologo. Molelo o o boitshepo, o o tshubilweng kwa motseng wa kgosi, o ne o tuka ka paka yotlhe. Barupiswa ba ne ba alafiwa ka melemô, mme sengwe le sengwe se se diriswang se ne se gasagaswa ka melemô go thibela kgoreletso ya bobe. Barupiswa botlhe ba ne ba bêolwa, mme mo sebakeng sotlhe se se setseng sa dombani ba ne ba sa letlelelwa go bêola kgotsa go tlhapa.

Kwa tshimologong dombani e ne e na le magato ale 10, mme e tsaya sebaka se se fitlhang go dingwaga di le pedi, fela gompieno ga se gantsi e tsaya go feta dikgwedi di le robongwe. Barupiswa ba rutwa metanso le dipina tsa sephiri, ba senolelwa dilwana tsa sephiri, ba bogela le go tsaya karolo mo bodiragatsing jwa thuto jo bo dirwang ka mmele ntle le mafoko, mme ba rebolelwa thuto ka ga thobalano. Maitlhomo ke go tlhatlhelela baša ka dintlha tsotlhe tsa lenyalo, ga mmogo le meetlo ya BaVenda. Ka go lejwa jaaka tiragalo ya 'bosetšhaba' ke BaVenda, dombani e ka tshwarwa fela ka fa tlase ga kaedi le tlhokomelo tsa khosi ya bokokomane jwa Singo. 

Karolwana e e kgatlhisang ya dombani ke motanso wa domba o o diragatswang ke basetsana go dikologa molelo o o boitshepo. Barupiswa ba ema mo moleng, yo mongwe le yo mongwe a tshwere sejabana sa mosetsana yo a leng fa pele ga gagwe, go dira kgokagano e telele e e itsoketsang ka morethetho goya ka kitêô ya meropa ya ngoma le mirumba.

Kwa tshimologong basetsana ba ne ba bina ka lepona, fela gompieno ba apara shedu e e fetiswang ka mo gare ga maoto, go bopa khiba fa pele ka karolwana e ntsho e e lepeletseng. Ba rwala gape maseka le matlhao a tshipi a a phatsimang fa ba bina. Motanso o supa tlhware, e e amanngwang le botshola-ngwana le metsamao ya lesea mo popelong. O emetse gape tlhware e go dumelwang fa e dula kwa Fundudzi, letsha le le boitshepo la BaVenda kwa kgophung ya Soutpansberg.

Lebota la khoro ke mmele wa modimo-tlhware, le Letsha la Fundudzi la kwa kgotleng, lefelo la tlholegô, popelô ya botlholegi; barupiswa ka jalo ba mo popelong ya tlhware, ba siametse go tsalwa-sešwa jaaka maloko a setšhaba a a nyalegang le go tlala tlotlô.

Maitshwaro a a Farologaneng ka ga Thupiso

©Dr Peter Magubane

Dikereke tsa Bakeresete di na le maitshwaro a a farologanang ka ga thupiso, dingwe di kganetsa maloko go tsenela dikolo tsa thupiso. Dikereke dingwe tse di 'ikemetseng' di rotloetsa maloko go tsenela thupiso, mme tse dingwe di neelana ka maemedi, gantsi ka go tswakanya ditumelo tsa setso le mekgwa-tiriso ya Sekeresete. 

Diphetogo tse dingwe di tsentswe tirisong ke thuto ya sešweng, maokelo le bodiri-khudugo, fela basetsana ba le ba ntsi ba santse ba rupiswa. Mo malobeng, ne go sena monna wa MoVenda yo a neng a ka nyala mosadi yo a iseng a tsenele dombani. Fa a nyetse mosadi gotswa kwa morafeng o mongwe, jaaka BaTsonga le Basotho, mosadi yoo o ne a tshwanelwa ke go tsenela dombani.

Gompieno, lebaka le bontsi jwa barupiswa ba le neelang mabapi le go tsenela thupiso ke gore ba batla go 'ithuta melao' (u guda milayo). Go itse milayo go abela mosadi kitso e e kgethegileng e e mo kgontshang go nna le seabe mo dikopanong le medirong ya basadi.

Translated by Nchema Rapoo