Themphoritšhara le Dijalo

Themphoritšhara ya mowa ya kgaolo ta temôthuo e botlhokwa thata go temôthuo ka ntlha ya seabe sa yona mo kgolông le tlhagisong ya dijalo tse di farologaneng.

Ditsamaiso tsa bobopegi, bokhemikhale le botshedi mo dijalong, jaaka boitirelanjo, di rotloetswa ke themphoritšhara ya mowa. Boitirelanjo ke tsamaiso e mo go yona dijalo tsa temôthuo di dirisang letsatsi go tlhagisa carbohydrates, dry matter kgotsa ntshô, gotswa mo metsing kgotsa carbon dioxide.

Bontsi jwa dijalo di gola le go tshela ka mo gare ga motseletsele wa themphoritšhara wa 0°C go fitlha go 50°C, fela go sejalo sengwe le sengwe motseletsele wa themphoritšhara e e namatsang go bona kgolô le tlhagiso tse di namatsang o mosesane.

Dijalo tsa Bosa jo bo Rurufetseng le tsa Bosa jo bo Thuthafetseng

Dijalo tsa bosa jo bo rurufetseng di akaretsa dikhabetšhe, digwete, beetroot, lettuce, spinach, dinawa le dieiye. Dijalo tseno di gola bontle mo dithemphoritšhareng tse di tsamayang gotswa go 15ºC goya go 18ºC. 

Dijalo tsa bosa jo bo bothitho tse di jaaka beans, maphutshe, lekaso, cucumbers, ditapole, mmopo le ditamati di golo bontle mo dithemphoritšhareng tse di tsamayang gotswa 18ºC goya go 27ºC. 

Motseletsele wa themphoritšhara o o bitswang “cardinal” (botlase jo bo itshokelwang, namatsegang, bogodimo jo bo itshokelwang) o farologana magareng ga dijalo fela le gape magareng ga magato a kgolô a a farologaneng a sejalo se le sengwe.

Mo lobakeng lwa dijalo tsa bosa jo bo bothitho, go botlhokwa go sweetsa ka ga matlha a a gaisang a jalô a a tlileng go netefatsa fa sejalo se golela ka fa tlase ga maêmô a themphoritšhara a a namatsang.

Themphoritšhara le Malwetse a Dijalo

Themphoritšhara ya mowa, e kopane le bongôla, mowametsi kgotsa bometsi jo bo mo moweng, gantsi e sweetsa malwetse a dijalo fela e ka nna le dipoêlô mo mabakeng a mangwe.

Sekai se sentle ke greening disease, bolwetse jwa mogare, mo monamuneng. Ke bothata jo bo masisi kwa Diporofenseng tsa Mpumalanga le Limpopo, fela eseng kwa Diporofenseng tsa Kapa Bophirima le Kapa Botlhaba. Tshenekegi e e tsholang le go phasalatsa mogare ga e kgone go falola dithemphoritšhara tse di kwa godimo mme go bonagala fa diphefo tsa thaba tse di mogote tse di omeletseng tsa dikgaolo tse di jalang monamune tsa Kapa Bophirima le Kapa Botlhaba e ka tswa ele lebaka la go se nne teng ga greening disease kwa dikgaolong tseno.

Pula le Themphoritšhara

Themphoritšhara ya selegae le ditlha tse di dipula di tshameka karolo mo tlhophong ya bofelo ya dijalo. Sekai, jaaka diterebe di tshabelelwa ke malwetse a mouta fa di jalwa mo boseng jo bo bongôla, diterebe di tshwanelwa ke go jalwa mo kgaolong e tshologo-pula eleng kwa tlase mo go yona kgotsa mo kgaolong ya tshologo-pula ya mariga.

Dijalo tsa subtropical, sekai avocado, guava, litchi, mango, passion fruit, pawpaw le pineapple, di ka jalwa ka katlego fela mo dikgaolong tse di senang segagane.

Dates di tlhoka malatsi a ka nna 180 ka dithemphoritšhara tsa tsatsi le tsatsi tse di kwa godimo ga 18ºC le tshologo-pula e e kwa tlase thata go bona tlhagiso ya leungo e e atlegileng.

Themphoritšhara le Boleng jwa Sejalo

Nako dingwe dipharologano tsa themphoritšhara tse di nnye di ka ama boleng jwa setlhagiswa. Bosukiri jwa sugar-beet bo a fokotsega fa dithemphoritšhara ka setlha sa kgolô di le kwa tlase thata. Ka go tshwana, fa boleele jwa setlha sa kgolô bo se telele mo go lekaneng, sukiri e e sa lekaneng e a tlhagiswa. Boleele jwa setlha sa kgolô le dithemphoritšhara tse di kwa godimo mo go lekaneng di botlhokwa gape go dijalo tsa selemo tsa bosa jo bo bothitho. Mmidi o tlhoka ditlha tse di telele, fela dijadi tsa setlha se se khutshwanyana tsa ntshô e e kwa godimo ga jaana di tlhamilwe.

Themphoritšhara le Mediso

Go na le themphoritšhara-tlase, themphoritšhara e e namatsang, mediso e e kwa godimo mo nakong e khutshwane go gaisa, le themphoritšhara-godimo e mo go yona mediso ya sejalo e tlileng go direga. Dithemphoritšhara tseno gape di farologana magareng ga mefuta e e farologaneng ya sejalo.

Translated by Nchema Rapoo