Taolô ya Namagadi le Bana ba Yona

©Glenneis Kriel
Dikolobe tse di godileng tsa motlhape wa tsadiso di na le ditlhokegô tse di farologaneng go dikolojane tse di anyang le tse di golang, mme tlhokomelo e tshwanetse go dirwa go fitlhelela topo e e kgethegileng ya moagô, phepô le tshireletso kgatlhanong le bolwetse.

Ditlhokegô tsa Dinamagadi tse di Dusang

Namagadi, ke yona e nang le ditlhokegô tse di potlana go gaisa fa e dusa (e bitswa ‘namagadi e e omileng’ mo bodirelong), fela e santse e na le ditlhokwa.
Namagadi e e dusang e tlhoka go nna le dinamagadi tse dingwe, mme e tlhoka tshireletso kgatlhanong le letsatsi le le mogote, diphefo tse di tsididi le pula.
E tlhoka lefelo le le bulegileng mo go lekaneng gore e tsamaye ka kgololosego le go itshola jaaka kolobe. Bontsi jwa metlhape e mennye ga e dirise dikereite tsa tsadisetso go dinamagadi tsa yona. Balemirui bangwe ba tswalela dinamagadi fela ka dibeke di le mmalwa tsa ntlha morago ga tsadisano go alafa mathata le go baya namagadi leitlho morago ga paka ya yona ya dibeke di le tharo go netefatsa fa a tsadisitswe ke tona ka katlego le gore e a dusa.
Namagadi e e dusang e tlhoka sefepi se se lekaneng, fela eseng go le gontsi. E ka nna 2 goya go 3 kg ka letsatsi, ka ditswakwa tsotlhe tse di botlhokwa tse di akaretsang seelo se se kwa godimo sa fibre ka mokgwa o o jaaka bran, hay, sefepi se se tala (fa se le teng) mme ka bonnye 12% protein. Basidi botlhe ba tla kgona go tlamela dijo kgotsa di-pellet tsa “namagadi le tona” mme seno se tla dira ka bonnye halofo ya phepô ya dinamagadi, ka halofo e nngwe gotswa mo ditswa-ditlhagisweng di leng teng gotswa mo ditswakweng tse di bodileng kgotsa tse di bosula.
Lemoga: O se fepe dikolobe dijo tse di mouta kgotsa tse di nkgang, mme o se di fepe nama ya diphologolo ka motsi ope. Nama ke mophasalatsi o montle wa malwetse a a tshelanang
Mo bekeng ya bofelo pele ga letlha le le solofetsweng (tshola direkôtô) la pelegô, fudusetsa namagadi goya kwa hôkông-esi ya yona ya tsadisetso. Ntlwana, kereite kgotsa mathudi anô a tshwanetse go ka emelelana le bosa, go emelelana le kolobe, a nne phepa thata mme a nne le boalô jo bo ntsi go e letla go dira sentlhaga.

Ditlhokegô tsa Bana ba Kolobe ba ba Sa Tswang go Tsalwa

©National Pork Board, USA
Go botlhokwa go lemoga fa ditlhokegô tsa themphoritšhara le tsa tikologo tsa namagadi di farologane le tsa bana ba yona.
Namagadi e rata botsiditsana, fela dikolojane di tlhoka bofutho jotlhe jo di ka bo bonang. Go a eletsega go di abela ‘creep’, ke gore, lefelo-tshireletso le le tswalegileng, jaaka ntlwana ya ntša e e nang le sethibô se se tswang go letlelela phepafatso le pogelô tse di bonolo, le go ntsha moalô o o metsi kgotsa o o nkgang bonolo. Moalô o o gaisang ke maphatlo a setlhare sa phaenê. Sireletsa kgoro gore dikolojane di kgone go tsena mme dinamagadi di retelelwe ke go tsena; segolo thata fa o fepa dikolojane ka phepô ya tsona e e tlhwatlhwa-godimo thata.
Namagadi, ntle fela le fa ele mo kereiteng ya tsadisetso, e tla kgoromeletsega kwa go patlameng mo godimo ga dianyi tse di bonya mme go tla nna le ditatlhegelo ka ntlha ya tšhwetlego.
Namagadi e tlhoka gore metsi a a phepa a a senang maparego a nne teng ka metlha. Dianyi di tla simolola go nwa metsi go tlaleletsa mašwi a namagadi fa di le bogolo jwa dibeke di le mmalwa.
Morago ga go tsala, namagadi e tlhoka phepô e e humileng fa e tlhagisa mašwi. Go botlhale go fepa namagadi e e ntshang mašwi ‘sefepi sa namagadi e e ntshang mašwi’, ka bontsi, - 6kg ka letsatsi ga se semaka. Namagadi e e ntshang. mašwi ga e a tshwanela ke go tshwarwa ke tlala ka motsi ope. E fepe gararo ka letsatsi go thibela go kgobela mala a yona.
Dikolojane di tlile go simolola go ja dijo tsa mmaatsona ele go lekeletsa, go simolola fa di ka nna le bogolo jwa beke, fela dijo tsa namagadi ga di metsege go dikolojane tse di sa tswang go tsalwa. Bogolo neela bana seelo sa dikolojane tse di sa tswang go kgweswa go simolola mo malatsing a a ka nnang lesome pele di kgweswa, mme o lekanyetse seelo sa tsatsi ka tsatsi go nna 250g (bogolo jwa komiki ya kofi) mo malatsing a a latelang ale matlhano. Oketsa seelo tsatsi le tsatsi gore thulaganyo ya tshilôdijo ya tsona e itukisetse go kgotlhelela dijo tse di omeletseng fa di kgweswa.

Ditlhokegô tsa Tona

©Dr Jim Robinson
Tona nako dingwe e bitswa phologolo e e ikgatholoswang go gaisa mo polaseng le fa e neelana ka halofo ya bomadi, mme ka jalo boleng jwa tshika e e latelang. Ditlhokegô tsa tona di tota di le bonolo:
E tlhoka hôkô ya yona ele esi go e dirisa fa e tsadisana le dinamagadi. Ka metlha isa namagadi kwa toneng mme o gatise direkôtô tsa bodiredi jwa tona.
Mo magareng ga bodiredi e ka dula le dinamagadi tse di omeletseng - go nna teng ga tona go dipoelô mme go na le botlamorago jwa go repisa dinamagadi. E tlile gape go lemoga dinamagadi tse di mo seemong sa tsadisano fa di latlhegetswe ke mpa, mme e ka tswa e setse e tsadisane le tsona morago ga go di lemoga. Gatisa direkôtô.
Go le gantsi tona e letlelelwa go nna karolo ya motlhape mo lobakeng lwa free-range. Bodiredi mo dinamagading tse di mo seemong sa tsadisano bo tlile go nna lobakeng lwa “letla tlhagô e dire tiro ya yona”. Seno se na le ditlamorago dingwe tse di sa siamang. Molemirui wa dikolobe a ka nne a sa itse gore ke dinamagadi dife tse di dusang, le gore di simolotse ka letsatsi lefe, le gore le tsadisitswe ke tona efe (fa go na le ditona tse di fetang bongwe). Gape, letlha le le solofetsweng la tsalô le ka se itswe, mme go nne thata go dira dithulaganyo.
Fa motlhape o na le ditona tse di fetang bongwe, di ka lwanela borena. Tona e e renang kgotsa e e leng yona fela ga e kitla e nna le dikganetso ka makgetlho e ka ona e ka direlang namagadi nngwe le nngwe. Seno se ka isa kwa ditoneng tse di lapileng tsa tsadisano e e bokoa, le dinamagadi tse di gobetseng kgotsa segolo thata, dinamagadi tse diša.
Tona e tlhoka kalafi ya ka metlha e e tseneletseng ya bolwetse jwa mange, ka ge gantsi tona ke yona moanamisi wa mange go motlhape otlhe wa dinamagadi. Seno se fetelana ka nako ya tsadisano ya metsotso ele 6 goya go 15. (Kalafi ya mange ga e thata mme e a dira fa go setswe morago ditaelô.)
Lekanyetsa phepô ya tona go e thibela go nna kima go feta, go nna motlapa, moopa le motlhorisi. Selekanyetso le seelo tsa tona tsa dijo di tlile go tshwana le tsa dinamagadi tse di omeletseng.

Translated by Nchema Rapoo