Sekanô sa Setšhaba sa Porofense ya Bokone Bophirima

Seno ke sona fela Sekanô sa Setšhaba gotswa kwa porofenseng efe kgotsa efe se se takilweng ka botlalo ka mebala mme ka tsela nngwe dipopegô tsa folaga ya bosetšhaba, e e tsentsweng tirisong ka di 27 Moranang 1994. 

Porofense ya Bokone-Bophirima e ne ele sebopiwa se sešwa fa metse-selegae ya maloba ‘e e ikemetseng’ e ne e busetswa gape mo Afrika Borwa morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi ka 1994. Sekanô sa Setšhaba sa Porofense ya Bokone-Bophirima se na le motheo o motala ka moanô - KAGISO LE TSWELELOPELE.

Fa godimo ga motheo o motala ke thebe e e nang le nkgo ya metsi mo bogareng. Bogare jwa thebe bo kgaogantswe ka dikotara, bohibidu fa godimo le fa tlase, mmala wa loapi kwa molemeng le mojeng, sefapaano se se tala se ipegile ka tshekaganyo mme se na le ditlhakore tse tshweu. Mo sefapaanong ke lozenge (khutlonne e e tshekaganeng), e le yona eleng tala, ka nkgo mo bogareng. Nkgo e emetse ngwao ya Setswana e mafatshe a yona a morafe a neng a bopile Bophuthatswana le Bokone-Bophirima.

Thebe e tshegeditswe ke dikwalata di le pedi. Fa godimo ga thebe ke leseka le le betlilweng ka selefera, mme sonobolomo e dutse fa godimo ga dinaka tsa nare tse di selefera. Sonobolomo e emetse temothuo ya kgaolo, kwa sonobolomo e lengwelwang kgwebo. E emetse gape letsatsi le le tlhokagalang go ka tlhagisa dijalo.

Phologolo ya Sekanô – Kwalata (Hippotragus Niger Niger)

©Nigel Dennis

Kwalata ka bogolo ke sefudi, gantsi e ja bojang, fela gangwe le gape di tlile go topatopa. Kwalata ke phologolo ya motlhape, e gantsi e ikgodisetsang bana. Metshwao ya tsona ya tsiboso (metshwao e mesweu le bontsho ya mo sefatlhegong), e supa mafega, segolobogolo fa go tliwa mo baneng ba yona.

Ka motsi wa paka ya tsadisano, dipoo tse di maatla go feta gantsi di koba dipowana gotswa mo motlhapeng. Ntwa magareng ga dipoo ka nako eno gantsi e isa kwa dikgobalong tse di bolayang. Fa di bontsha mafega, dikwalata tsa poo, di gotlha dinaka tsa tsona kgatlhanong le dikala tsa ditlhare. Mebotwana e megolo mo dinakeng e dira modumo o o mogwasa.

Go dusa go tsaya dikgwedi di ka nna robongwe, mme dinamane di tsalwa magareng ga Tlhakole le Mopitlwe. Dinamane di kgweswa fa di le dikgwedi di ka nna thataro.

Sethunya sa Sekanô – Sonobolomo (Helianthus Annuus)

Sonobolomo, gotswa lolapeng lwa Asteraceae, ke sejalo sa ngwaga le ngwaga, se se ka golelang go boleele jwa 3 m. Tlhogwana ya sethunya e kgolo e e serolwana e okareng daisy e na le bomolagare jo bo ka nnang 30 cm. Dithunya di latedisa motsamao wa letsatsi ka go retolosetsa difatlhego tsa tsona go leba kwa letsatsing kwa ntlheng ya botlhaba goya kwa bophirima.

Disonobolomo ke dimela tse di botlhokwa mo Afrika Borwa mo tlhagisong ya oli ya merogo. Kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima, dipeo go begwa fa di diriswa go dira senkgwe le senô se se ratileng go tshwana le kofi.

Translated by Nchema Rapoo