Scrub Hare
Matshwaratselane

© Roger de la Harpe

Leina

Matshwaratselane [Lepus Saxatilis]

Tebego

Matshwaratselane o o kwa kgaolong e e kwa borwa-botlhaba o motona [2.7 – 4.5 kg] go feta o o kwa bokone jo bo kgakala [1.5 – 3.2 kg]. Dikarolo tse di kwa godimo tsa mmele wa yong di ditshetlha fa tse di kwa tlase di le tshweu. Ba na le ditsebe tse di telele tse ditshetlha ka mmala, tse mmogo le mogatla o o nang le bontsho-le-bosweu di bonagalang thata fa di sia.

Phepo

Matshwaratselane o iphepa gantsi ka tlhaga e tala e khutswane, fela ka dinako tse di thata o iphepa le ka matlhare, medi le masaledi a tlhaga e e omeletseng.

Tsadiso

Tsalo eya magoletsa go tloga ka Lwetse go fitlha Tlhakole, fela ba kgona go tsala ngwaga otlhe, ba tsala bana ba ka nna nngwe go ya tharong ka nako. Tsalo ya bana ba le bararo e kgonega thata ka setlha sa dipula. Ba kgona le go tsala mo metlheng ya komelelo e kgolo.

Maitshwaro

Ke boPhela-nosi. Ba ba tshegadi ba na le go bokannwa ke ba ba tonanyana mo nakong ya tsadiso. Ba ithatela go phela mo gare ga sekgwa sa tlhaga e telele le sa ditlhare tse di telele.

Di Fitlhelwa Kae

Di fitlhelwa gongwe le gongwe mo Afrika Borwa le fa di sa bonwe kwa dikgweng, dikaka tse di kwa lebopong le dikarolo tse di omileng kwa bokone-bophirima jwa Kapa Bokone.

Dintlha Tlhagiso

Bomatshwaratselane ba itsagale ka go siana fa pele ga dijanaga bosigo, ba siana matsoketsoke. Mosiano o oo matsoketsoke o kaiwa fa ele go fapogela go tshwariwa le fa bangwe ba re o bakiwa ke go tshosiwa ke moriti wa one o o diriwang ke dipone tsa sejanaga.