Reedbuck
Sebugatla

© Roger de la Harpe

Leina

Sebugatla (Redunca arundinum)

Tebego

Bokete jwa yona bo fitlha go 70kg fa tse tonanyane di na le boleele jwa legetla jwa 950mm. Tse tshegadi di dinnye jaaka di le boleele fela jwa 800mm kwa legetleng ka bokete jwa 51kg. Bobowa bo borokwa jo bo setlhafetseng bo le bosweu mo karolong e e fa tlase.
Mogatla o lesarwa ka bosweu mo ntlhaneng. Go tlhoka bobowa ka fa tlase ga ditsebe go bonagala thata. Ke ditonanyana fela tse di nang le manaka a a ka nnang 450mm ka boleele. Sebugatla sena le dikgeleswa tse pedi tse di tswang mafuranyana.
Tse tonanyana di na le kgeleswa tse pedi fa tse tshegadi di na le go nna le tse nne. Dikgeleswa di amana le itshwaiso ya kgaolo.

Phepo

Gantsi di fula tlhaga. Fa tlhaga e seo di fula mere ka bonnye. Fa go le thata di fula le motshegare, le ga lotso lono lo tlwaetse go fula ka mafifi.

Tsadiso

Dinamagadi di tsala lwantlha fa di na le dikgwedi tse 15-18, fa tse tonanyana di simolola go robalana fa di na le dingwaga tse pedi. Di tsala ngwaga otlhe, le fa tota tsalo e ya magoletsa ka selemo.
Morago ga go dusa matsatsi a le 225 konyana e le nngwe e ya tsalwa. Dikonyana tse di fetsang go tsalwa di fitlhiwa go fitlha kgwedi di ka nna tharo, ke ka moo phologolo eno e ratang tulo e e masutlhesutlhe.

Maitshwaro

Antelope eno ya mmele o o mo magareng e phela ka metlhape e me nnye. Fa e siana okare e ya thekesela, mogatla o supile kwa godimo, mme e bontsha bosweu jo bo ka fa tlase ga yona fa e tsamaya. Sebugatla se lefufa ka kgaolo ya lona.
Tse di tonanyana di na le go thusana go sireletsa dikgaolo tsa malapa a tsone kgatlhanong le tse dingwe tse di sa utlwaneng le tsone. Fa e namagadi e nonofa e tlogela setlhopha sa lelapa la kwa ga bo yona go ya go ikagela le eleng la yone le nngwe ya ditonanyana.
Tse tonanyana di letlelelwa go dula mo setlhopheng sa lelapa la bommaabona go fitlha di tshwara dingwaga tse tharo. Sebugatla se tsalane le boPhele.

Tulo

Antelope eno e iphelela mo sekgweng sa tlhaga e e bongola. Ka maswabi, bodulo jo bo jalo bo ntse bo nyelela, seno se baka go fokotsega ga Sebugatla mo lefatsheng.

Di Fitlhelwa Kae

Gompieno antelope eno e ka fitlhelwa kwa Kruger National Park, kwa botlhaba jwa lotshitshi lwa St Lucia, kwa Hluhluwe Game Reserve le kwa dirapeng tsa diphologolo di ka balwa kwa KwaZulu-Natal.