O Jala Jang Lebelebele

Lebelebele, le le jalwang gantsi ka seelo sa itshidiso mo Afrika Borwa, le bonolo go jalwa mme ga le tlhaselwe thata ke disenyi le malwetse fa go bapiswa le mabele, mmopo le dithoro tse dingwe. Dipeo tse di potlana di tshwanetse go ka jalwa go simolola ka Diphalane go fitlha Ngwanatsele, mme fa maêmô a siame, di tla mela mo malatsing ale matlhano.
Lebelebele le tlhogisa medi e e totang ele boteng, e e ka tsenelelang kwa mealông ya mmu e e iseng e fitlhelelwe ke dijalo tsa pele. Diteko kwa borwabotlhaba jwa United States di bontshitse fa lebelebele le ka dirisa dikotla tse di kokoaneng fa tlase ga dikarolo tsa medi ya dijalo tse di lemilweng pejana.
Le fa le itshokela komelelô, lebelebele le tlhoka pula ka paka ya kgolô, fela le tshaba metsi a a fetang selekano ka paka ya thunyô ya lona. Le diragatsa bontle mo mebung e e botlhofo, mebu ya pH e e kwa tlase ya 4,5 - 5,5 le mo mebung e e kwa godimo ka aluminium tota, fela le ka se kgone mebu ya mmopa e e tamileng metsi. Le tsibogela monontsha sentle le tikoloso-jalô ya mmogo le monawa. Menawa e e jaaka cowpeas e buseletsa nitrogen mo mmung.

Thôbô

Makgolokgolo a dithunya a pakwa mo lomapông lo lo boselennere (rachis) lo lo ka farologanang ka boleele gotswa go 15 goya go 140cm. Malatsi a ka nna 40 morago ga kumiso, dipeo di tshwanetse tsa bo di siametse kotulô. Ka fa tlase ga maêmô a mantle mefutatswakwa ya lebelebele e ka ntsha 3 - 4 ton/ha fa go bapiswa le 300 goya go 800 kg/ha mo lobakeng lo bometsi le kumiso ya mmu e nnang dikgoreletsi. Diteko kwa Florida, USA di bontshitse fa kgaogano ya mela ka katumelano ya 13cm e lerile thôbô e e kwa godimo - e e ka nnang 5,5 ton/ha fa go bapiswa le 3,7 ton/ha mo katoganong ya 76cm magareng ga mela.
Gantsi lebelebele ga le tlhoke dibolaya-tshenekegi, fela taolô-mofero e e siameng e a tlhokega. Malwetse mo lebelebeleng ga a anama; bolwetse jo bo botlhokwa ke mildew, go bôla ga peo, go rusa le mouta wa thoro. Tikoloso-jalô ya dijalo tse di sa tsalaneng ke mokgwa-tiriso o o gaisang go laola malwetse. Seno se thibela mokoa wa di-pathogen go ka bopega mo mmung. Lebelebele le le butswitseng le ratwa ke dinonyane; baya sejalo leitlho mme o kotule mafofa a peo fela fa dipeo di sena go butswa.

Kotulô

Ditlhogwana tsa lebelebele di kotulwa malatsi ale 40 morago ga thunyô, bometsi bo tshwanetse go ka nna 15%. Kotulô e dirwa ka seatla (ka thipa kgotsa sickle) kgotsa ka go dirisa combine harvester. Kotulô ya silage e botoka fa e dirwa ka motšhine fa ditlhogwana di sena go tlhagelela. Didiriswa tsa kotulô di tshwanetse go baakanngwa gore di phothe dipeo tse di nnye gotlhelele, ka ge lebelebele le le sa phothwang sentle le na le boleng jo bo kwa tlase jwa phepô. Morago ga kotulô, ditlhogwana di omisetswa fa fatshe kgotsa mo bodilong jo go phothelwang mo go jona. Go uta le tlhogelelô ya dithoro (sprouting) go ka direga fa dithoro di sa omiswa ka tshwanelo.
Lebelebele le ka nna thata go phetolwa. Dithoro di tlhoka go ntshwa mo sekgapheng kgotsa mo letlaping pele di thugwa. Ka tlwaelô go dirwa ka seatla, mokgwa-tsamaiso onô o tlhagisa ntshô e e kwa tlase ya bopi, e e ka etsang 75%.

Translated by Nchema Rapoo