Nopolo ya ga Mbeki kaga Mandela

© Eric Miller

Maikemisetso aa kwa Boteng jwa pelo

MoPresidente Thabo Mbeki, fa a ne a lakaletsa Nelson Mandela boitumelo ka tsetsatsi la gagwe la matsalo, a emetse goromente le batho ba Afrika Borwa ka 2007, o rile, ‘Setshaba sa rona, tota le lefatshe ka bophara le motlotlo go ka keteka botshelo jwa moeteledipele yo o ikgethegileng wa batho ba rona’.

A tshelela ka gore, ‘Mopresindente wa pele, Rre Mandela, o rotloediste le go kgothatsa BaAfrika Borwa, kontinente ya Africa le batho botlhe, ka botshelo jwa gagwe. Ketapele ya gagwe, le maikemisetso aa kwa boteng jwa pelo ya gagwe, ka ga kgaratlho ee kgatlhanong le kgatelelo ya batho ka apartheid, go bona puso ya batho ka batho le setshaba se se siameng’.

Translated by Ikalafeng Maedi

Bill Clinton on Mandela's Legacy

Mopresidente wa pele wa lefatshe la United States, Rre Bill Clinton, o buile mafoko a tlotlo kaga Rre Nelson Mandela ka moletlo wa gagwe wa ...more