Nelson Mandela le gore FW De Klerk ba ka Raymond Louw

© Eric Miller

Dikopano tsa Sephiri

Fa a le kwa kgolegelong, Mandela o ne a tshwanela ke go fekeetsa mathata a gagwe a ka fa gare pele a ka tswelela ka dipuisano tsa gagwe le puso ya tlhaolele ka phuthologo; o ne a tshwanetse ke go bona tshegetso ya bagolegwa nae pele a ka tsenela dipuisano le baeteledipele ba mmuso, mme ba le mmalwa ba ne ba le kgatlhanong le seno. O ne gape a tshwanetse go bontsha boeteledipele jo bo neng bo le kwa botshabelo gore leano leno le na le boleng jwa phenyo. Ka jalo dipuisano di simolotse ka ketsaetsego le letshogo ka ge baeteledipele ba mmuso ba ne ba tshogile gore mongwe o tla ba bona. Fela, ka matsetseleko, le fa gone go na le mokoa wa babegadikgang ba boditšhabatšhaba yo o neng o tletse ka bangwe ba babegadikgang ba ba kelotlhôko ebile ba na le bokgoni jo bo gaisang mo lefatsheng, mmogo le babegadikgang ba ba leitlho ba mo gae, dipuisano tsa mo sephiring di ne tsa dula di fitlhegile. Le fa mogolegwa Mandela a ne a gololwa ka Tlhakole wa 1990, diphiri di ne di ntse di hupilwe. Fela dipuisano tse di ša tsa mo pepeneneng di ne tsa simolola. O ne a tsenela dipuisano tsa kagiso mme e se kgale a sekega “ntwa ya kgaratlho e e tlhometseng” ya mophato o o tlhometseng wa ANC, Umkhonto we Sizwe (MK kgotsa Lerumo la Setšhaba), yo a o tlhomileng ka 1961. O ne ka gangwe a tshwaiwa phoso ke balatedi ba gagwe ba ba dintwa le maloko a mekgatlho e mengwe ya go lwela kgololosego, fela o ne a nganga.

Monna wa Konokono

Jaaka dipuisano ka iketlo di tshwara lebelo o ne a simolola go nna le mokgwa wa tshepo go Tautona De Klerk, yo ênê a neng a bowa a mo tlhalosa fa e le “monna wa konokono”.

Fa re lebelela kwa morago go tloga ka motsi wa morago ga ditlhopho, go mo pepeneneng gore mogolegwa Mandela, yo a itlhalositseng fa e le monna wa botshepegi yo o batlang botsalano jwa boammaruri le bagateledi ba gagwe ba maloba, o ne a leba De Klerk ka leitlho le le tshwanang la gore le ênê o ne a batla bokamoso jwa naga jo bo tsepameng jwa temokrasi.

Go ya kwa bokhutlhong jwa 1991 ke ne ka nna le tshono ya go mo laletsa mo boemong jwa setlhopha se se kgethegileng sa batlhotlhi ba dikgang le bagatisi, International Press Institute, go tla go fana ka lefoko kwa kokoanô-kakaretsong kwa Kyoto, Japan, ka Motsheganong o o latelang.

O ne a ka se kgone go dumela taletso pele ga fa komiti-taolô ya bosetšhaba ya ANC e mo letla, ka jalo go ne go na le dikopano di le mmalwa magarenga a me le ênê. Mo nngweng ya dikopano tseno re ne ra ama De Klerk ka phuthologo e e gakgamatsang – segolo-bogolo go tswa go monna yo o eteletseng tsuololô pele, le fa e ne e buisanetswe.

“Re tshwanetse go thusa monna ole.” a bua jalo. “O na le mathata a le mantsi mo lekokong la gagwe.”. Seno, ka nnete, e ne e se motsuolodi o o mafega, fela e ne e le moeteledipele wa naga yo a nang le maikutlô mme a lemogile botlhokwa jwa gore De Klerk a tswelele go ngangatlela boeteledipele le taolô ya National Party ya gagwe, segolo-bogolo mo banneng ba ba tlhaga ba yona, ba fa ba ka mosutisang, ba ka khutlhisa dipuisano mme ba bake dikhuduego.

O ne a dumela fa De Klerk a samagane le thaba e e tlhatlhogelang godimo mo lekokong laa gagwe le maloko a a akanyang gore dipuisano di tla lere go nyelela ga bona.

Lenanêô la Tsietso tse di Maswe

Mandela o ne a sa itse fa ma-Nationalist, maloko a ga jaana le a maloba a tsa Tshireletso le badiredi-puso kgotsa maloko a ka fa mojeng a a nang le dikamano le ditirelo tseno, a ne a tswile letsholo la “tsietso tse di maswe” go leka go koafatsa ANC le go nonofatsa tatedi ya moema kgatlhanong wa gagwe a le mongwe wa montsho, Mangosuthu Buthelezi wa Inkatha Freedom Party.

Go ne go totobetse gore mogolegwa wa maloba Mandela o ne a tshepa De Klerk. Fa babatlisisi ba ANC ba mo nêêla dossier go supa fa go na le “Seatla sa Boraro”se se neng se dira go nyenyefatsa tsepamo mo nageng le go leka go koafatsa ANC, o ne a e fetisetsa go De Klerk go batlisisa, a tshepa gore De Klerk o tla netefatsa fa ditatofatso tse di tlhagisitsweng mo dossier eo di tla salwa morago.

Fela, e ne ya nêêlwa ba bagolo ba sepodisi ba kwa morago ba neng ba senolwa fa e ne e le bona batlhami ba “tsietso tse di maswe” le mananêô a mangwe a go koafatsa ANC.

Dossier eo e ne e na le maina a basenodi, bao morago ba neng ba nyelela.

Go Roba Tumelo

Ke fela kwa morago fa Tautona Mandela a neng a latlhegelwa ke tumelo mo go De Klerk. E ne e le mabapi le go thapiwa ga balaodi ba bantšha ba board ya mogasi wa setšhaba South African Broadcasting Corporation, e ka motsi oo e neng e laolwa ka go gagamala ke mmuso wa National Party.

Mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa ka 1992 le 1993, Campaign for Independent Broadcasting (e ga jaana e momagantsweng le mekgatlho e mengwe go bopa Freedom of Expression Institute) e ne e lwele go ntsha mogasi mo taolong ya mmuso ka go e pateletsa go dumela gore board e ntsha e e ikemetseng e tshwanetse go thapiwa ka tsela e e akaretsang ditheetso tsa setšhaba tsa batho ba ba batlang go nna malojo a board fa pele ga batlhophi ba maloko a board.

Batlhophi ba ne ba tlile go tlhopha maina a le 25 a a neng a tlile go romelwa kwa go De Klerk, yo e neng ka nako eo e le tautona, gore a thape board.

Bontlha jo bo botlhokwa jwa tumalano magareng ga CIB le puso e ne e le tumelano ya tlaleletso magareng ga Nelson Mandela le De Klerk gore De Klerk o tla nna le tshwanelo ya go busetsa maina a a gananang le ona kwa batlhophing go ka sekwasekwa gape, fela pele a dira seo o tla buisana le Mandela mabapi le dikganetso tsa gagwe gore ba kgone go rarabolola ntlha eno.

De Klerk ka nnete o ne a busetsa maina a le supa kwa batlhophing, fela a feteletsa ka go biletsa batlhophi kwa dikopanong tse mo go tsona a neng a ngangisana le bona.

Ga a ke a buisana le Mandela ka ntlha ya dikganetso tsa gagwe, yo a boneng seno jaaka go rojwa ga tumelo. Seno se ne sa isa kwa ditlhaselong tse di bosula ka mogolegwa wa maloba Mandela go De Klerk, segolo-bogolo ka motsi wa moletlo kwa Independence Hall kwa Philadelphia kwa United States kwao ka bobedi ba neng ba amogela mentlele wa Liberty go tswa go Tautona Bill Clinton ka letsatsi la matsalo la Amerika, Phukwi 4, 1993.

Go Tlhoka Kutlwano ya Sepolotiki

Le fa Tautona Mandela a ne a dumela gore De Klerk o ne a itse ka maano a go koafatsa ANC kgotsa a sa dira sepe go a thibela, o ne a sweetsa gore mo dikgatlhegelong tsa go boloka mmuso wa botlhakanelwa le go tsweletsa tsepamo mo nageng, o tla kgapela go sa utlwaneng kwa morago.

Botsalano jwa bona mo matlhong e ne e le bo bo siameng mme ba ne ba tswelela go buisana, le fa gone go santse go na le go tlhoka kutlwano ya sepolotiki mo gare ga bona. Tautona Mandela o boela kwa Robben Island ka motsi wa go bontsha maemô a a itshoketseng ona mmogo le badirammogo ba gagwe ka nako ya go golegwa ga bona go go leele.

Translated by Nchema Rapoo

Mandela and the 1994 Elections by Raymond Louw

Mongwe le mongwe yo a buang ka dikgetho tsa 1994 tse di fetotseng Afrika Borwa go tswa go setshaba sa bokgokgontshi jo bogolo go nna setshab...more