Mopane Tree

© Shem Compion

Leina

Mophane [Colophospermum mopane]

Thanololo

Tshupo-ntlha e kgolo ya Mophane ka go tlhoka pelaelo ke matlhare a ona a a bopegileng jaaka serurubele, a a botala jo bo tseneletseng fa a tlhoga mme a fetogele go mebalabala ya letlhabula moragonyana mo setlheng. Mebala eno ke pharologantsho ya tikologo ya dikgwedi di le dintsi tsa ngwana. Mefuta ya Mophane e le mentsi ena le dithito tse di fetang bongwe tse di anamelang go ya godimo ka sebopego sa V e tshesane, ka korone e e kitlaneng e aname mme e le kgolokwe ka sebopego se o ka reng ke V. Lekwati le bosetlha jo bo sedifetseng go ya go jo bo ntshofetseng ka mmala, mme le na le manga a a bonagalang ebile a emeletse.
Ditlhare tse dingwe tsa Mophane di ka fitlhelela boleele jwa go fitlha 25m, segolo thata kwa mebung e e seloko. Fa maemo e se a a ntseng sentle, ditlhatshana tsa Mophane tse di itsegeng ka ‘Mopane scrub’ mme fa gae di bidiwa ‘gumane’, di bonagala thata. Lekwati le supagala thata ka manga a a emeletseng. Dithito tse di godileng di bosetlha jo bo sedifetseng fa tse diša di ntshofetse. Matlhatshana a mabedi a tlhoga mo lenonong, a tshwana le serurubele.

Dithunya le Leungo

Dithunya tsa Mophane di serolwana-tala, di dinnye mme ga di bonale sentle, di mela ka dingatana tse di lepeletseng gaufi le dikalana. Leungo la Mophane lena le sephotlwa se se sephaphathi mme se tshwana le letlalo. Se ratile go bopega jaaka philô. Se se tala kwa tshimologong, sena le peo e le nngwe e e tsutsubaneng e le sephaphathi mme e palapaditswe ka borekhu jo bo kgomarelang. Go thunya go diragala go simolola ka Sedimonthole go fitlha Ferikgong. Go ungwa go diragala go simolola ka Moranang go fitlha Seetebosigo.

Di fitlhelwa kae

Mophane o mo Afrika Borwa, Botswana le Namibia.

Leina La Se-Latin

Mophane ke motshudi wa motoutwane wa Mopane [Gonimbrasia belina] o o botlhokwa mo phepong ya dikotla go batho ba le bantsi go ralala Afrika. Seboko sa motoutwane, se se itsagaleng ka Mopane Worm, se a kotulwa mme se jewe se le jalo kgotsa se a omisiwa go nna sejo sa bokamoso. Logong lwa Mophane le lona le dirisiwa ka go anama go dira fenetšhara ka ntlha ya mmala le go somarelega ga lona, mme gape lo thata ebile ga le jewe ke motlhwa, go dira gore le siamele go aga magora.