Mokawa ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la Saense: Cucurbita Pepo
Leina la Tlwaelo: Courgette, Zucchini, Marrow kgotsa Baby marrow.

Tlhaloso ya Dijalo

Sejalo sa mokawa ke sa lelapa la losika loo magapu mme se nang le dikutu tse tshegeditsweng gosenene ka matlhare a magolo, a a boboa, a botala jo bo fifetseng. Ke sekwaše sa selemo mme e na le sejalo sa sebopego sa bokgwa go feta mokgwa o o tlwaelegileng wa tsegetso e e sephara tshwanang ka nako ya sekwaše sa mariga. Dithunya tsa ditona di bonala mo dikutung tsa ntlha. Dithunya tsa ditshegadi di thunya morago mme di na le metheo e e segwere, tse di fetogelang go nna maungo a mokwawa. Dikutu di ka atologa go nna dimilimetara tse di 1000 go tloga fa peo kgotsa letlhogela le jalwa. Mekawa ke dijalo tse di bonakonyana gape di ka robiwa go tloga fa go simolola ka dibeke di le robedi go tswa mo go jalweng peo. Sejalo ke se se bokgwa go feta disekwaše tse dingwe tse di tshegetswang mme di ka, ka jalo, jalwa ka go kitlana thata.

Ditiriso

Mekawa ka tlwaelo e jewa mo kgatong e e so botsweng fa di ka nnang disentimetara tse 12 go ya go 15 jaaka di-baby marrow kgotsa zucchini. Di ka nna gape tsa tlogelwa mo morareng mme di kgiwe morago fa di ka nnang disentimetara di le 40 go ya go 50 jaaka dimarrow, le fa go ntse jalo, tse di kgethegile jaaka letlalo le nna thata le dijo ka fa gare di nne bothapo, se le sona se dira gore go mela go nne bonya le go fokotsa tlhamego ya dithunya mme ka jalo maungo a a tlo robiwa a nne kwa tlase. Mekawa e ka gadikwa, go phufudiwa, go besiwa le go dirwa dikhanakhana. Leungo le dithunya di ka oketswa mo disalateng, di ka jewa ka botsona jaaka merogo kgotsa di oketswe mo ditshuung le ditshuung tse apeilweng mo seeding. Gape di a latswega thata mme e ka nna ya modumo wa go šwa fa e jewa e le tala. Di ka nna di kobelwa mme tsa dirwa borotho ba mokawa le mokawa o o gadikilweng kgotsa dikuku tse di gadikilweng.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Mekowa e rata mmu o o monolotsweng sentle o o nang le diteng tsa selo sa tlhago tse di kwa godimo. Maemo a pH ya mmu a tshwanetse go galaka fa gare ga 6 le 7.
Mmu o tshwanetse go baakangwa go ya ka dipoelo tsa diteko tsa mmu. Mo dibekeng tse di thataro pele ga go jala simolola go suga mmu go ya disentimetara tse di 500. Seno ka tlwaelo se ka raya go lemelela ga masalela a dijalo tse di fetileng kgotsa motshotelo o mo tala dijalo wa go khupetsa dijalo, motshetelo wa tlaleletso kgotsa monotsha, kalaka fa maemo a pH a a leng ka fa tlase ga 6 le difosfore tse di kgolo fa di tlhokega. Mo bekeng ya bofelo pele ga go jala, haraka mmu ka sediko sa dimilemetara tse 200 go lekalekanya mmu le go bolaya mefero efe kgotsa efe e e ka simololang go mela.
Fa go jalwa mo godimo ga makididi a a tsholeditsweng, ka jalo kwala makididi a a tsholeditsweng ka haraka e e tshwanetseng. Dirisa dintlha tsa go latedisa ditlhokego le tsamao ya bobedi ka haraka e e sediko e tshwanetse go di latela go tswelela go baakanyo ya mmugodimo le go thuba makwete mangwe le mangwe a a leng mo mmung. Fa matlhogela a setse a tlo jalwa tsenya monontsha wa mo pele ga thobo le sediko mo moleng wa dimela o o kwa godimo wa 20 cm.

Tlelaemete

Mekawa ke ya selemo, sejalo se se jalwang ka tlwaelo mo tshimologong ya dikgakologo go bogareng jwa selemo. Kwa dikgaolong tsa bokone tsa pula ya selemo tsa Aforika Borwa, se jalwa mo tsamaong ya ngwaga otlhe fa go se na serame se se bokete mo nakong ya mariga. Thempheretšha e e gaisang ya mekawa ke magareng ga 20°C le 24°C. Dithempheretšha tse di kwa godimo go feta go mela ga matlhare ga go tshakuno ga sethunya. Go simolola go tlhoga ga peo go go siameng ga mokawa go tlhoka dithempheretšha tse di kwa godimo ga 12°C.

Mefuta ya Dijaloe

Go na le mefuta ya dijalo le F1 ya Maidi e ntšhwa e e ntshitsweng mo tsamaong ya nakole diponagalo tse di farologaneng. Go botlhokwa go batla kgakololo go tswa go bareki ka badirisi ba ba ratang le go tswa mo moitseanapeng wa peo ka mefuta e e farologaneng e e gaisang ka maemo a go mela.
Mefuta e e farologaneng e e ntshitsweng ke: Caserta Cigal, botoro ya gauta, lengau le le tala, Mira, Go baya leitlho, Nero Milan, naledi ya kwa bokone, naledi 8021, naledi 8023, naledi 8024 le Tromboncino.

Translated by Lawrence Ndou