Kwa Gae le Dr Peter Magubane

© David Meyer-Gollan

Tiro Ya Botshelo

Phaposi ya boiketlo ya ga Dr Peter Magubane e tletse ka dipitsa tse di phatsimang mme di kgabisitswe ka dibaga le dibetlwa tsa logong. Fa thokonyana go eme gramophone ya segologolo gaufi le setshwantshô sa gagwe a tshwere terompeta.

Ka fa tlase ga hutshi ya bojang, lekawana la kwa Sophiatown le eme sentle ka monyebo. Fa a dula fa pele ga letlhabaphefo, lesedi le bonesetsa moriri o mosweu o Dr Magubane a tlwaelegileng ka ona. Tshwantshisô e re salang ka yona ke ya monna o tiro ya botshelo jwa gagwe e ka se aroganngwe le mologô wa histori ya Afrika Borwa e e fetang halofo ya ngwagakgolo.

Go tloga go Mokgweetsi go ya go Motsayaditshwantshô

Sophiatown, 1955. Ke Lamatlhatso bosigo. Makawana a a kgabileng le makgarebe a a ithatang ba gasagane le toropo, ba apere ka botswerere. Dikwaekwae di kwakwanta mo mmileng o o lorole. Mmino o o kgogedi wa jazz o go gogela mo shebining e e gaufi. Ka mo teng di-saxophone tse di dirang gore o phothaphothe leoto le dingangisano ka ga botshelo di mo moweng.

Mo khoneng ya phaposi, Peter wa dingwaga di le 23 yo o ditebego o sekaseka dikgang le ditsala tsa gagwe tsa kwa Drum, Can Themba ‘sekgwari sa Sejatlhaphi’ le Bob Gosani ‘motsayaditshwantshô o o tswileng diatla’. Ka fa tlase ga ngwaga Peter o dirile ka natla go tlhatlhogela go tswa mo go nneng mokgweetsi go nna motsayaditshwantshô.

Boraro jono ke bangwe ba dinaledi di le dintsi tse di godisitsweng ke Sophiatown. Fa bangwe ba tlhophile serala sa dipolotiki go ema kgatlhanong le botlhoka-tshiamiso jwa tlhaolele, Peter o tlhophile setsayaditshwantshô. O a senola, ‘Ke ne ke batla go gatisa matshelo a batho-bantsho ba Afrika Borwa ka nako eo.

Ke se se ntlhotlheleditseng go nna motsayaditshwantshô’. Peter wa kwa morago ka 1955 o ne a sena kgopolo ya gore dingwaga tse di tlang di mo tsholetse eng. Sophiatown, gompieno. Jaaka Peter a kgweetsa go ralala Sophiatown a lebile Soweto, o gopola dingwaga tsa bongwana jwa gagwe mo mebileng eno. Matlo a kgale a a agilweng jaaka a kwa meepong, a a agilweng mo matlotleng a Sophiatown go nna motsetoropo wa basweu wa Triomf (‘Phenyo’), a eme mo mmung o o humileng ka histori.

Go thata go akanya ka matsatsi a a tumileng a Sophiatown, a a tsadileng balwela-ditshwanelo le bataki ba ba tshwanang le Peter. Mebila eo e ruile dikgakologêlô tsa gagwe tsa bongwana: setsayaditshwantshô sa gagwe sa ntlha se a se neilweng ke rraagwe, lorato le thupiso ya ga mmagwe, ntlo ya lebokisi la mokgwaro e lolapa lwa gagwe lo neng lo e tlatsa, go tlhabiwa ka thipa tsatsi lengwe fa a ne a tshamekela kwa ntle.