Kgolô e e Bokoa mo Dikolobeng

©National Pork Board, USA
Dikolobe tse di golelang ka bonya kgotsa tse di sa oketsegeng mmele di tlile go nna le ditlamorago tse di maswe mo lotsenong lwa polase, mme letsatsi lengwe le lengwe la tlaleletso le le tlhokegang gore di fepwe le tile go ja mo dipoelông-madi tsa polase. Kgolô le maêmô tse di bokoa di ka golaganngwa le mabaka a a farologaneng, a a jaaka bomadi, phepôtlase, metlhampepe, malwetse le maêmô a tikologo.

Bomadi

Matsopa mangwe a dikolobe a na bokete jo bo fetang jwa a mangwe kwa tsalông mme a golela ka bonako go feta a mangwe. Dinamagadi tsa matsopa a mangwe le tsona di na le mašwi a a fetang a tsa a mangwe le botsadi jo bo botoka, mme go ise kwa goreng dikolojane tsa tsona di golele ka bonako le gore di itekanele mo go gaisang. Ka jalo leba gore ke eng se se tlwaelegileng ka letsopa fa o sweetsa ka ga maitlhomo a kgolô ya polase ya gago, mme o bapise dipholô tsa tlhagiso ya gago le tsa balemirui ba bangwe.
Balemirui ba le bantsi ba dirisa tsadiso-magareng ya matsopa, ka mantswe a mangwe tona gotswa mo letsopeng le lengwe le dinamagadi gotswa mo letsopeng le lengwe gore ba bone boleng jo bo gaisang gotswa matsopeng ka bobedi. Fa go dirwa seno, bana botlhe ba tshwanelwa ke go rekiswa, ka ge tsadiso ka ngwana oo fa a setse a godile e ka isa kwa dimelong tsotlhe di sa siamang gotswa matsopeng ka bobedi di etegelang mo setlhopheng sa bobedi sa bana.
Fa o tlhopha sere sa tsadiso, go botlhokwa go tlhopha diphologolo tse di golang sentle mme di na le boleng jo bo siameng jwa go tsala le jwa nama.

Phepôtlase

Dikolobe di ka tswa di gola bokoa ka ntlha ya gore ga di je ka fa go lekaneng, sefepi ke sa boleng jo bo bokoa, se thata go jega kgotsa ga se monate, kgotsa ka ntlha ya gore dikolobe ga di je dilo tse di siameng mo go lekaneng.
Go tila bothata jo, kopa moitseanape wa phôlô ya diphologolo kgotsa wa phepô go go thusa go tlhama lenaane la phepô le le fitlhelelang ditlhokegô tsotlhe tsa dikotla tsa dikolobe tsa gago mo magatong a a rileng a tlhagiso. Lenaane le le jalo ga le tshwanela go akanyetsa fela ditlhokegô tsa dikotla tse dikolobe tsa gago, fela gape le metswedi ya sefepi e e leng teng mo kgaolong ya gago, le ditshenyegelo tsa didiro tse tala.
Mo godimo ga fao, o tlhoka go netefatsa fa dikolobe di kgona go fitlhelela sefepi se se lekaneng fa di se tlhoka, gosa kgathalatshege gore dikolobe di fula kwa ntle kgotsa di tlhagisetswa mo thulaganyong e e tsenetseng ya ka mo ntlong. Fa dikolobe di tlhagisetswa kwa ntle, dikolobe di tshwanetse go fitlhelela ditlaleletsi go thiba phatlha ya ditlhokegô tsa mafulo. Balemirui gape ba tshwanetse go netefatsa fa kolobe nngwe le nngwe e fitlhelela dijo ka go fokotsa kgaisano kwa bojelong. Seno se ka dirwa ka go netefatsa fa go na le lefelo-bojelo le le lekaneng go kolobe nngwe le nngwe.
Dijo di tshwanetse go nna phepa le boforeshe, ntle le go tlisa matshosetsi mo boitekanelong, dikolobe di ka gana go di ja.

Metlhampepe

Metlhampepe ya kwa ntle, jaaka mange, dinta, dikgofa le matsetse, di ka baka mobabô o o ka dirang gore dikolobe di dirise nako ele ntsi di leka go retibatsa mobabô ka go ikgotlha go na le gore di je, mme go ise kwa kgolông e e bokoa. Metlhampepe ya ka fa gare, jaaka diboko, le yona e tlile go baka kgolô e e bokoa.
Bophepa mo lefelong la tlhagiso bo tlile go dira go le gontsi mo twantshong ya metlhampepe. Fa gona le tlhaselo ya metlhampepe, e alafe ka bonako jo bo kgonegang go thibela kanamô goya dikolobeng tse dingwe. Go botlhale go alafa dikolobe ka mokgwa wa thibelo fa matshosetsi a a rileng ale kwa godimo ka fa tlase ga maêmô a tlhagiso ya gago. Botsa kgakololô go moitseanape wa phôlô ya diphologolo kgotsa ngaka ya diphologolo.

Malwetse

©National Pork Board, USA
Kolobe e e lwalang kgotsa “e e sa itumelang” e ka nne ya gana go ja. Ka jalo leka go thibela ditsogô-bolwetse mme o di alafe ka bonako jo bo kgonagalang fa di lwala.

Maêmô a Tikologo

Kgatelelô ya mogote e na le seabe se se maswe mo tsêông ya sefepi, fa kgatelelô ya serame e tla isa kwa goreng dikolobe di je go fetisa ka mo dijang ka teng ka tlwaelô, mo maitekong a go ithuthafatsa. Ka jalo, fepa dikolobe sefepi ka dinako tse di rurufetseng tsa letsatsi, mme o oketse sefepi sa tsona la diminerale tsa tlaleletso go busetsa ditatlhegelo tsa dikotla tsa motsi wa mogote.
Maiteko a tshwanetse go dirwa go thibela, segolo thata dikolojane tse di nnye, gore di se gatsele thata, ka ge seo se tlile go di dira gore di tshabelelwe bonolo ke malwetse mme go ise kwa kgolông e e bokoa.

Translated by Nchema Rapoo