Kgatelelô ya Serame mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Ka ntlha ya bosa jo bo bothitho jwa Afrika Borwa, kgatelelô ya serame ga se bothata jo bo masisi jalo go dikolobe tse di godileng fa go bapiswa le kwa dinageng tse dingwe tse di marutshwana. Mariga, fela, mme segolo thata masigo a mariga, a ka nna tsididi thata kwa dikarolong dingwe tsa naga, ka jalo balemirui mo dikgaolong tseno ba tlhoka go nna kelotlhoko go feta ka go neela dikolobe tsa bona lefelo-tshireletso ka dinako tse di jalo.
Dikolojane di nna mo kotsing ya kgatelelô ya serame ka go fetisa ka ge, go sa tshwane le dikolobe tse di godileng, di na le mafura a mmele a mannye thata go ka di sireletsa kgatlhanong le serame, segolo thata mo diureng tsa ntlha di le some-a-mane robedi morago ga go tsalwa. Di ka se diragetse sentle mme gantsi di ka feleletsa di sule fa di sa tsholwe di thuthafetse.

Matshwaô a Kgatelelô

©Glenneis Kriel
Jaaka ka dikolobe tse kgolo, go retelelwa ke go tshola dikolojane di thuthafetse go tlile go isa kwa goreng maatla a di a tlhagisang gotswa mo dijong tsa tsona a dirisetswe go tlhagisa mogote mme eseng kgolô. Ka jalo o tla itse jang gore dikolobe tsa gago di na le kgatelelô ya serame?
Goya ka Animal Agriculture kwa Washington State University, dikolobe tse di nang le kgatelelô ya serame di tlile go kokoana mmogo kgotsa di patlame ka maoto a sotlhetswe ka fa tlase ga tsona ele maiteko a go thuthafala. Gape di ka tatasela gotswa mo serameng. Fa kgatelelô ya serame e tswelelapele go feta malatsi ale mmalwa, dikolobe di tla bopama, di gole bokoa mme di tlhoge boboa jo bo telele jo bo magwata. Di ka tshwarwa gape ke letshololo.

Thibelo

©Glenneis Kriel
Go tlamela dithemphoritšhara tse di siameng ka nako ya tsalô go bonolo go buiwa go na le go dirwa, ka ge dinamagadi le dikolojane di itumelela dithemphoritšhara tse di farologaneng. Dinamagadi ka kakaretso di phuthuloga gantsi mo go 16 goya go 25 degrees Celsius, fa dikolojane di tla diragatsa sentle mo dithemphoritšhareng tse di kwa bogodimong jo bo ka fitlhang go 32 degrees Celsius. Dinamagadi tse di golelang go feta di tlile go simolola go ja ka bonnye mme gape di tlhagise mašwi ka bonnye, mme seno kwa morago se nne le ditlamorago tse di sa siamang mo kgolông ya dikolojane. Dikolojane, fela, di tlhoka go tsholwa di thuthafetse gore di gole sentle.
Mo ditlamelong tsa sešweng, themphoritšhara ya phaposi e tlile, ka jalo, go ka fetofetolwa goya ka ditlhokegô tsa dinamagadi, fa thuthafatso ya tlaleletso kgotsa karolwana e diriswa go tshola dikolojane di thuthafetse. Go bona nepô, go botlhokwa tsaya themphoritšhara ya phaposi mo seelong se le sengwe, mme gape mo dikgatông di le mmalwa go tsena mo karolong e dikolojane di bewang mo go yona.

©Glenneis Kriel
Bodilo bo diriswa ka botlhale go rarabolola bothata jono, mme dinamagadi gantsi di patlama mo bodilong jo bo dirilweng gotswa mo sedirong se se rurufetseng go na le jwa karolo e dikolojane di bewang mo go yona. Bodilo bo ka dirwa gotswa mo didirong tse di farologanang, gotswa go logong goya go konkereite, tshipi, polasetiki, fiberglass, cast iron le aluminium.
Go dirisa moalô, o o jaaka lotlhaka kgotsa maphatlo a logong, mo bodilong jo dikolojane di bewang mo go jona, ga go tlile fela go thusa go oketsa dithemphoritšhara fao dikolojane di bewang teng fela gape go tlile go thusa go di tshola di phuthulogile. Moalô fela o tshwanetse go fetolwa gangwe le gape, kgotsa moalô o montšhwa o tlhakanngwe go tshola dikolojane di omile di le phepa.
Meagô ya dikolojane e tshwanetse go khupetswa, go tloga ka bodilo go fitlha ka ceiling le mabotana go thibela moelamowa. Balemirui bangwe ba dirisa digaretene tsa polasetiki go tswala matlhabaphefo ka motsi wa maêmô a bosa jo bo tsididi le jo bo feteletseng.

Translated by Nchema Rapoo