Impala Lily

© Roger de la Harpe
Impala Lily.

Leina

Impala Lily, Dessert Rose kgotsa Sabi Star

Leina La Se-Latin

Adenium multiflorum – Mo Borwa jwa Afrika [Impala Lily ya nnete]
Adenium obesum – Botlhaba le Bokone jwa Afrika [dimela tse di itsagaleng ka Desert Rose]

Thanololo

Impala Lily e thunya gantsi ka Phukwi, mme fela e ka thunya ka bothari jwa magare a Lwetse mo mafelong a e lemiwang teng. Selekanyô sa sethunya e ka nna ± 5cm ka bogare.

Tulo

Impala Lily [Adenium multiflorum] e mela kwa bokone jwa KwaZulu-Natal, botlhaba jwa Mpumalanga le kwa Limpopo, Swaziland, Mozambique le Zimbabwe mme e fetelelê kwa botlhaba le bophirima jwa tropical Afrika go ya kwa Malawi le Zambia.

Dintlha Tlhagiso

Impala Lily ke sethunya se sê dipontsho se sê tshwantshanyilweng le mowana o mo nnye. Semela seno se na le botlhole bongwe jo bo kotsi go diphologolo tsa gae, le fa ntse se sa jewe ke diphologolo jalo.
Botlhole bo dirisiwa ke Basarwa mo ditlhogwaneng tsa metswi, le fa gantsi o dirisiwa mmogo le botlhole jwa semela se sengwe.