Histori ya Bapedi

© Dr Peter Magubane

Bogosi jo bo Golang jwa Bapedi

Kwa setlhoeng sa maatla a bona Bapedi kgotsa Maroteng, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Thulare (e ka nna ba 1790 – 1820), ba ne ba bolotsa ditlhaselo tse di atlegileng tsa kgapetsa kgapetsa kgatlhanong le batho ba ba mabapi. Ba lerile ka fa tlase ga taolô ya Bopedi, kgaolo e kgolo thata e e neng e atologela gotswa mo lefelong le le kwa Rustenburg ya gompieno kwa botlhaba goya kwa Nagatlase kwa bophirima, mme e tsamaela borwa goya kwa Nokeng ya Lekwa (didika tse gompieno di itsagaleng jaaka Waterberg le Soutpansberg).

Bapedi ba godile ka palo le ka maatla, ba tlisa baagisanyi ba le ba ntsi ka fa tlase ga bogosi jwa bona. Ka fa tlase ga Thulare yo o maatla, borena jwa Bopedi bo ne ba atlega mme bobusi jwa Maroteng bo ne jwa fitlhelela setlhoa sa jona. Thotloetso ya ga Thulare e ne ele kgolo mo ebileng e neng ya nna moeteledipele wa semowa wa ditlhopha tse di mabapi tse di neng di se ka fa tlase ga taolô ka tlhamalalô ya Bapedi. Ka 1824, ka loso lwa ga Thulare, o ne a tlhatlhangwa ke yo mogolo wa barwa ba gagwe ba le robedi, eleng Malekutu, yo a lekileng go atolosa naga-thotloetse ya Bopedi. 

Ditlhaselo tsa kwa Borwa tsa Bapedi

Bogosi jwa ga Malekutu jwa Bapedi ga bo a tsaya sebaka ka ge gotwe o ne a tshelelwa botlhole ke bomorwarragwe. Bapedi ba ne bale mo tlhakatlhakanong fa batlhasedi ba baNguni ba ba kgologela gotswa kwa borwa. Bakwadi ba histori ba arogane ka gore a batlhasedi e ne ele Matebele ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mzilikazi, kgotsa setlhopha sa baNdwandwe ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Zwangendaba, yo a ikgaogantseng le Zwide morago ga go fenngwa ke Shaka.

Go sa kgathaletshege, Bapedi ba ne ba fekeetsegile mme barwa botlhe ba ga Thulare, ntle fela le Sekwati, ba ne ba bolailwe. Batlhasedi ba baNguni ba dutse sebaka se se ka nnang ngwaga, mo go sona ba neng ba kotula dijalo tsotlhe ka mo ba kgonang mme ba amoga lefatshe dikgomo. Ditlhopha di le di ntsi tse di mabapi di ne tsa humanega mme go dumelwa, goya ka metswedi ya motlotlo-thuto ya gompieno, fa ba fetogile bajabatho.

Sekwati o ne a tshaba, le masaledi a a kgonneng go a phutha a setšhaba sa Bapedi, go kgabaganya Noka ya Olifants. Mo dingwageng di le nne ba ne ba kopa botshabelo mo bogosing jo bo mabapi, mme bo tsalana, jwa Ramapulana. Ba ne ba dira ditlhaselo tsa ka gale kgatlhanong le metsana, mme mo go tsona ba thopa basadi le dikgomo.

Kwa bofelong Sekwati o ne a kgabaganya Noka ya Olifants gape mme a tlhoma mošate wa gagwe kwa Phiring. Ka iketlo o ne a phutha maphata a a phatlhaletseng a morafe wa Bapedi mme a tlhoma-sešwa borena jwa Maroteng mo kgaolong. O ne a kgona go thibela ditlhaselo gotswa go baSwati le baZulu ka bobedi, ka go gogela morago goya kwa maiphitlhong a thaba a a mabapi, mme kwa bofelong o ne a tlhoma motse-mošate wa gagwe kwa Téate, ka fa tlase ga mekgokologo e e kwa botlhaba ya Dithaba tsa Leolo.

Kagiso e e Tlhobaetsang

Ka 1845 moeteledipele wa Maburu eleng Hendrik Potgieter o ne a thibelela kwa botlhaba jwa Steelpoort, kwa a theileng Ohrihstad ya gompieno. Ka 5 Phukwi mo ngwageng oo Potgieter le Sekwati ba ne ba dira tumalano, go abela Potgieter borui jwa lefatshe leno. Kagiso e e tlhobaetsang e ne ele teng magareng ga Bapedi le palo e e oketsegang ya Maburu, e e neng e kgaoganngwa ke ditlhaselo tsa dikgomo tsa ka gale ka Bapedi le ipusolosetso ka Maburu. Go fitlhelela dibetsa ga Bapedi ka nako eno go ne go atologile. Kgosikgolo o ne a simolotse go romela ditlhopha tsa makolwane goya go dira jaaka badiri ba ba fudugi kwa Kapa, Delagoa Bay le kwa masimong a taemane kwa Kapa Bokone.

Fa dingwaga tsa bo-1870 di fitlha, monna mongwe le mongwe yo a neng a boela gae gotswa tirong o ne a duela £1 go kgosikgolo, e e neng e dirisetswa go reka ditlhobololo le marumo a tlhobolo. Morago ga loso lwa ga Sekwati go ne ga nna le dikgotlhang magareng ga ba le babedi ba barwa ba gagwe, Sekhukhune le Mampuru, mabapi le botlhatlhami jwa kgosikgolo. Seno se ne sa etegetswa ke go nna teng ga Maburu, ba e neng ele matshosetsi go bolaodi jwa Bapedi jo bo tsweletseng.

Katlego ya ga Sekhukhune kwa bofelong ya go retibatsa dikgotlhang tseno, le mo go tlhomeng botshwanedi jwa gagwe jaaka mojalefa, e ne e bonagala mo bokgoning jwa gagwe jwa go biletsa matsholo a batlhabani gotswa kwa magosing a a neng ale ka fa tlase ga gagwe go gokagana le matsholo a gagwe, gore ba kgone go phutlhamisa bogogelathoko jwa dikgosi tse dingwe tse di neng di sa tlhole di kgotsofalela puso ya gagwe. 

Sekhukhune kwa tshimologong o ne a na le dikamanô tse di botsalano le Maburu, fela dikgaratlho tse di neng di etegela mabapi le lefatshe le bodiredi di ne tsa dira gore dikamanô tseno di senyege ga iketlo go fitlha kwa bofelong, ka 16 Motsheganong 1876, fa Transvaal Volksraad e ne e goeletsa ntwa morago ga go utlwa magatwe ka ga tlhaselo ya Bapedi e e rulagantsweng mo motseng wa Maburu wa Lydenburg. Barumolani ba Maburu ba ne ba itemogela tatlhegelô e e bonagalang. Dikgwedi di le pedi morago ga fao Sir Theophilus Shepstone o ne a tshwaraganya Transvaal Republic le lefatshe la ba-Brithane mo boêmông jwa  Bogosi jwa Brithane, seno ka bontlha-bongwe se tlhotlholeditswe ke go retelelwa ga Maburu ke go thopa Bapedi.

Morago ga Ntwa ya BaZulu e sena go khutla ka Phukwi wa 1879, Sir Garnet Wolseley (Mokomisinara Mogolo wa Borwa-Botlhaba jwa Afrika), ka go tshepa gore Sekhukhune o tlile go lopa kagiso, o ne a neelana ka dipeelo tse di thata, ka go otlhaya Sekhukhune dikgomo di le 2 500. Sekhukhune o ne a ganana le dipeelo tse, mme Sir Garnet o ne a kokoanya letsholo la banna ba ka nna 12 000, go akaretsa batlhabani ba baSwati ba le 8 000. Ka 28 Ngwanatsele 1879, morago ga ntwa e e masisi e mo go yona batlhabani ba Bapedi ba feta 1 000 ba neng ba bolawa, Sekhukhune o ne a fenngwa kwa bofelong. O ne a tshwarelwa mo legageng mme a golegelwa kwa Pretoria. Mme ka seno, borena jwa Bapedi bo ne kwa bofelong ba phutlhamiswa.

Translated by Nchema Rapoo