Hartmann's Mountain Zebra
Pitse ya thaba ya Hartmann

© Peter Delaney

Leina

Pitse ya thaba ya Hartmann (Equus zebra hartmannae)

Popego

Ga go na pharologano e kgolo fa gare ga bong, kwa ntle ga gore tse di tona di bokete jwa palogare ya dikhilograma tse di 298, fa go bapisiwa le 276 ya dikilograma go tse di namagadi. E kgolo e leng tona, mo tsamaong ya dingwaga di le supa e ka nna bokete jwa dikhilograma tse di 343. Tse di kgolo tsa ditona di ka nna dimetara tse di 1.5 ka magetla le mogatla o o boleele jwa dimilimetara tse di 500 le ditsebe 280 dimilimetara ka botelele.
Go kgona go dirisa tshela mo tikologong tse di makgwakgwa, maroo a teng ke a mefuta e e melang ka bonako thata. Pharologano fa gare ga e le Pitse ya thaba ya kwa Kapa ke ka bogolo fela, mme Pitse ya thaba ya Hartman ke e nnye. Go na le mokgwa oo mela ya Pitse ya thaba ya Hartmann ya Zebra ke e bulegileng go feta ya Thaba ya.

Dijo

Jaaka dipitse tsotlhe, e ke e fulang mme fetsa bontlhanngwe jwa letsatsi e fula. Leano la yona la go ke go latela mekgwa eo naga e leng ka gone, mme mokgwa wa yona wa tema ya gofula ke o o manyoke.

Pelegiso

Eno ga se phologolo e e tsalang ka ditlha temo gonne dinamane di tsalwa ka ngwaga go dikologa, le mororo go na le mokgwa wa gore tsalo e nne e kwa godimo ka nako ya dipula. E namagadi e tsala lwa ntlha ka dingwaga di le tharo. Dinamane di bokete jo bo ka nnang dikilogeramo tse 25 ka botsalo. Go dusa e ka tsaya dikgwedi di le 12. Dinamane na le kelo e e kwa godimo ya go tshela, gongwe fa e sa le bagolo mo motlhapeng ka mafolofolo ba e sireletsa kgatlhanong le tse dibata. Tse ditona di nna matlhagatlhaga mo tlhakanaong ka bong ka dingwaga di le tharo.

Maitsholo a yona

Ka mo gare ga boagi jwa yona go na le ditlhopha tse di farologaneng thata tsa loago, e leng go tse di tsadisang le tseo di sa tsadiseng. Ditlhopha tse di tsalang di nanle le e tona e le nosi le palo ya dinamagadi mme ke e itumedisang ka tatelano ya loago.

Bonnotlhago

Jaaka e leina le bidiwa ka loleme lwa mme, Pitse ya thaba ya Hartman e tlwaetse tikologo e e makgwalgwa, lenga la thaba fa e thubegileng, fao metlhape e ikaegile mo mafelong a a nang le metswedi ya metsi e e lekaneng ya leruri le mefuta e mentsi ya bojang le furu go tsweletsa tsadiso.

Di fitlhelwa kwa kae?

Pitse e fitlhelwa mo dikgaolong tse di elang go omelela tsa Bophirima jwa Namibia, go tswa fa e tletsengn gona gape le go tsena mo Angola. E na le kgoletso ya kabo go tswa mo porofenseng ya Kunene Borwa go ya Botlhabela, jaaka fa e tlhalositswe mo mmepeng. Gajaana palogotlhe ya tsona e lekalekangwa e le 13 000.

Sediko sa botshelo

Phudusetso - Dikgewdi tse 10
Thobalano go gola - Dingwa tse 2
Botshelo jotlhe - Bonnye dingwaga di le 25
Maemo a botshelo - Pitse ya thaba ya Hartman ka ditshedi tse di kaiwang di le mo kotsing, ka bobedi E. Z. Hartmannae le Pitse ya E. Z. di wela ka fa tlase ga yone.
Mo karolong ya dintlha - Go na le mola wa kakanyo go tswa baitseanape ba tshireletso ya gore Pitse ya thaba ya kwa Kapa le Pitse ya naga ya Hartman di tshwanetse go kgaogangwa e le mefuta e e farologaneng ka ntlha ya pharologano ya bonnotlhago mme se bontsha fa di le pedi tse di amana thata ka peo.