Go Tlhopha Kgomo ya Mašwi

Go Tlhatlhoba Kgomo ya Mašwi

©Ayrshire Cattle Breeders’ Society
Dikgomo tsa mašwi tse di tlhophelwang go rekiswa di tshwanetse go tlhatlhojwa go bona boitshupo jwa tsona. Boitshupo bo sweetswa ke phethene ya mmala (go di Holstein) le tattoo ya tsebe (go di Jersey). Mo godimo ga fao kgomo e ka supwa ka dimelo tsa mmele (segolo thata molongwana, meno, ditlhakwana le maoto, thele le dithoba) mmogo le ka boêmô jwa mmele. Dithele di tshwanetse go tlhatlhojwa (ka go kgoma ka seatla) go bona matshwao a go omelela le go ruruga kgotsa dikgwethe tse di supang tshwaetsego ya mastitis. Letlalo la thele le tshwanetse go temeka ka phopholego ya silika fa thele e sa tshwanela ke go nna kgolo go fetisa mme e kgomagane le mmele ka nonofo ka dintha tse di tiileng.
Go tlhatlhoba diphologolo ka kelotlhoko go tlile go neela tshupo ya mokgwa wa yona. O seka wa akanya thata ka go reka dikgomo ka tiragatso ya tsona kwa dipontshong ka ge di ka nna tlhwatlhwa-godimo mme bokgoni jwa tsona jwa ntshô ya mašwi bo ka belaetshega.
Dikgomo tse di gaisang go ka rekwa ke tse di tlileng go tlhagisa seelo se se kwa godimo sa mašwi ka difepi tse di tshwanang le tse di tlileng go diriswa mo polaseng e ntšhwa.

Go Reka Dikgomo tsa Mašwi ka Letlole le le Potlana

©Chris Daly
O reka dikgomo ka letlole le le lekanyeditsweng? Akanya ka go reka dikgomo tse di mo ntshông-mašwi tse di setseng di godile ka ge tlhwatlhwa ya tsona ya thekiso e ka nna kwa tlase ka ntlha ya patlô e e kwa tlase ya diphologolo tse di golwane. ‘Boleng jwa tlhabô’ gantsi bo kwa tlase ga ‘boleng jwa semadi’ jwa tsona mo ntshông ya mašwi.
Fela, dikgomo tse di jalo di tshwanetse tsa bo di dusa fa di tlhagisa mašwi mo seêlông se se fetang sa tlhwatlhwa ya phepô ya tsona ya tsatsi le tsatsi. Go netefatsa tlhagiso ya mašwi e e tswelelang pele ngwaga otlhe, reka dikgomo tse di mo ntshông-mašwi go sale gale mo legatong la tsona la ntshô-mašwi, ga mmogo le dikgomo tse di dusang tse di mo bokhutlong jwa legato la ntshô-mašwi. Fa o reka dikgomo tse di omileng, letlha la go tsala le le solofetsweng la tsona le tshwanetse go nna mo sebakeng sa dikgwedi di le pedi morago ga letlha la thekiso.
Fa matlole a tlaleletso ale teng, reka pele dikgomo tsa boleng jwa semadi jo bo kwa godimo tse di ntshông-mašwi ya ntlha goya go ya bobedi. Gantsi di na le mathata ale mannye a go tsala gona le meroba. Fa o reka meroba e e dusang, tshedimosetso ka ga pelego ya ditona e tshwanetse ke go itswe gore go ipaakanyetswe kgonagalo ya mathata a dystocia ka pelego. Dystocia ke fa namane e tshwarega ka motsi wa pelego.

Translated by Nchema Rapoo