Go Jala Legapu

© Louise Brodie

Go Jala

Legapu le jalwa ka peo.

Mokgwa wa Go Jala

Go jala go dirwa ka tlhamalalo kgotsa ka go jala peo ya legapu kgotsa lwa ntlha ka go dira matlhogela mo makiding kgotsa dithrei tsa peo le go jala dimela go tswa kwa ntle go tla mo tikologong ya kumo.

Go Katologana

Dimela di beewa mo dikatolosong tsa disentiemtara tse di 50-75 fa gare ga tsona le mela ya disentimetara tse di 100-200 kwa ntle ga. Se se bogareng jwa dijalo tsa magapu a a 4000 le 6000 ka heketara. Mela ya phitlhelelo ya didiriswa le diterekere di tshwanetse go tlogelwa ka ntlha ya kgatsho le thobo.

Nako ya go Jala

Go jala ka tlhamalalo ga peo ke bofelo ba Phatwe go ya go Ngwanaitsele mo Aforika Borwa. Peo e ka jalwa mo dithereing mme jadilwe mo ntlung e e tala go tswa mo tshimologong ya kgwedi ya Phukwi go siamisa matlhogela go jalwa kwa bogareng jwa Phatwe fa maemo a boso a setse a simolotse go nna bollo ka nako eo.

Nako ya go Jala

Jaaka legapu e le dijalo tsa mameo a bosa a a bothitho go jala dijalo ke mo tshimologong ya Lwetse go Sedimonthole bogareng. Mo dikgaolong tse di bollo mo maemong a bosa a a bollo a simololang bogareng jwa Phatwe.

Nako ya Go Mela

Nako ya go mela ga peo ka tlwaelo ke dibeke di le 12 mo tikologong e e bollo go ya dibekeng di le 15 mo dikgaolong tsa bosa ba dikgakologo e leng bonya go nna bollo.

Go Nontsha

Ka dinako tsotlhe go skiame go dira tshekatsheko e e maleba ya mmu go tlhomamisa ditlhokego tsa dikotla tsa go nontsha.
Motshotelo, kalaka le mmutele di a lengelwa mo paakanyong ya mmu mo dibekeng di nne go ya go le tse di thataro pele ga go jalwa. Tiragatso ya pele ga go jala e e magareng ga 750 le 1 000 kg ya 2:3:4 (27) ya monontsha ka heketara se anamisitswe mo meleng ya dijalo e e epilweng ka sediko go nna disentimetara tse di 20 mo godimo ga mmu pele ga go jala matlhogela. Mo dibekeng di le nne go ya go di le thataro morago ga go jala dirisa 300 go ya go 500 kg e nngwe ya 2:3:4 (27) ka heketara go netefatsa kgolo e e siameng le setlhopha sa maungo. Baya kgolo leitlho setlhopheng sa maungo mme fa e le gore go a tlhokega go dita thulaganyo e nngwe ya boraro ya 350 kg ya Potasiamo Naethereiti go thusa ka kgolo ya maungo le tlhabololo. Fa e le gore mo kgatong e kgolo ke e e kgolo mo go lekaneng dirisa Potasiamo Tleloraete bogolo Potasiamo Tleloraete. Mo kgatong e, go botlhokwa thata go nontsha ka ntlha ya boleng jwa maungo mo boemong jwa merogo e e golang.
Gakologelwa go nosetsa morago ga go tiriso nngwe le e nngwe ya menontsha.

Nosetso

Nosetsa pele le morago ga go jala mo peong kgotsa matlhogela. Fa o jala matlhogela se se thusa go fokotsa kgatelelo mo godimo ga matlhogela a mašwa. Netefatsa gore o fokotsa kgatelelo ya mongola mo mmung. Fa go kgonega tsenya dimitara tsa bongola jwa mmu mme fa go sa kgonege tlhatlhoba mmu wa karolo ya medi bonnye gabedi ka beke ka sediriswa sa go jala kgotsa sepete.
Palogare ya nosetso e e siameng ke e magareng ga 25 le 35 ya dimilimetara ka beke. Go ya ka mofuta wa mmu se se ka dirwa ka diditiro tse di 2 kgotsa 3 ka beke.

Translated by Lawrence Ndou