Filefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Filefish

Leina la Matshamekwane

Foolfish, Leatherjackets or Shingles

Leina la Maranyane

Monacanthidae

Semeto

E ka nna 110 cm, fa tse bontsi bo ka nna 20 cm.

Ponalo

Karolo ya kwa pele ya mmele e boteng, mme se se e fa sebopego sa kgutlotharo. Mmele wa yone o bopame (compressed) thata. Lerapo la mokwatla wa yone o botelele thata. Mogatla o mokhutshwanyane. Tlhogo ya yone e bophaphathi fa molomo o le monnye. Meno a kwa pele a a bonala (incisor-like teeth). E kgona go fetola mmala. Mebala ya tsone e a farologana mme e na le diphathene tse di mekamekang gore e kgone go iphitlha. E tona le e namagadi di farologana ka mebala.

Dikitsiso

Lelapa la Monacanthidae le na le mephato e le 31 ka dibopiwa di le 95 tse di farologaneng. Di ka bonwa gaufi le di’reefs, le di’lagoons kgotsa mo diphatleng tsa mafika mo lewatleng. Tse di mmotlana di iphitlha mo ditlhageng tsa seagrass. Gantsi di bonwa ka bbedi. Letlalo la yone le bokgwakgwa ba sandpaper. ke ka jaalo e bediwa ‘Filefish’. E beela mae mo fatshe mme a tlhokomelwa ke batsadi mmogo.

Dijo

Dijo tsa yone di ka farologana go tswa go sebopiwa se sengwe le se sengwe sa mophato wa tsone. Di ka fepa ka algae le seagrass fa ka dinako tse dingwe di ka ja di’invertebrates tse di tshwanang le gorgonians le di’hydrozoans. Tse dingwe di ja corals le zooplankton fela.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Blacksaddle mimic filefish (Paraluteres prionurus)
Harlequin filefish (Oxymonacanthus longirostris)
Honeycomb filefish (Cantherhines pardalis)