Dr Peter Magubane o senola go diriswa ga bana

© David Meyer-Gollan

‘Ntle Le Thuto, O Ka Se Dire Sepe!’

Dr Peter Magubane o fitlha kwa Soweto ka ditsela tse di fitlhegileng tse di matsôkêtsôkê. Peter o phuruphutsha badiri ba e santseng e le bana mo dithothobolong tsa matlakala le digotlo tsa malatlha. Go nna teng ga gagwe go ipha taolô ya sebaka se a leng mo go sona. Mafolofolo a a mo isitseng kwa go senoleng ditiro tse di maswe ka dingwaga tsa tlhaolele a tswelela go mo kgarameletsa go tlhagisa dikgwetlho tsa botshelo jwa gompieno.

Dr Peter Magubane o kgweeletsa ka mo gare ga segotlo sa matlakala a ditshipi. Ke mabitla a ditshipi. Monkgo o mo golo wa tshipi e e rusang o nkga mo moweng. Magubane o batlana le basimanyana ba ba dirang fano. Ba tlogetse sekolo go amogêla tuelo ya bonnye jwa diranta di le tlhano ka letsatsi ka go kokoanya le go rekisa matlakala a ditshipi. ‘Bontsi jwa bona ke bo matshaba-sekolo, mme ga ba tlhaloganye botlhokwa jwa thuto’, o leka go tlhalosa tema eno e e matswakabele.

Nako dingwe Magubane o dira go feta ka setsayaditshwantshô go thusa batho ba a ba tsayang ditshwantshô. Mo dingwageng tse di ntseng di feta o thusitse go kopanya batshabi le batsadi ba bona. O tlhalosa fa a ka se tsereganye go fitlha, ‘Ba tla kwa go nna “Madala! Madala!” ba mpitsa, “Ke batla go ya gae.”. Ke fela ba le batlhano go basimane le basetsana ba le someamararo-tlhano ba a ba thusitseng ba ba boetseng kwa mmileng.

Go Diriswa le Botlhoki

O goroga kwa felo-kemô jwa gagwe jo bo latelang. Ke go tswa mo tseleng ya sekontiri le go tsenelela mo bogareng jwa pelo ya segotlo sa malatlha sa kwa Jabulani. Mebotwana e e nyemisang mokô ya malatlha e fitlha tikologo.

Mantlwana a a sareng sepe a dutse mo makgabaneng a malatlha. Lekgarebe la mme le anega diaparo tse di galalelang mo terateng ya diaparo, fa lesea le tshamekela mo loroleng lwa matlakala.

Dihoko tsa dikgogo di tlhatlhagantswe gongwe le gongwe mme dikgogo le mmalwa tse di sutlhileng di kêkêla ka go dikologa. Monkgo o o bosula o tletse mo moweng. Baša ba simolola go laisa malatlha a a bokete mo dikariking tsa ditonki go sale gale fa letsatsi le tswa, gore a iswe go ralala Soweto.

Ka mariga legodimo la motsesetoropo le apeswa ke molelo wa malatlha. ‘Go bothitho fano ebile ba na le bonnô.’. Magubane o lebelela kwa ntle ga letlhabaphefo. Ka go diriswa le botlhoki jo bo tseneletseng jwa bona, bothata jo bo lebaneng bana bano gompieno o bona fa e le ‘Ka go tlhoka pelaelo, thuto. Ntle le thuto o ka se dire sepe!’. Monna mongwe yo o tiileng o lemoga motsayaditshwantshô.

‘Ke mongwe wa basimane ba me’, Magubane o a nyeba. ‘Ke dingwaga a ntse a dira fano.’. Go utlwisa botlhoko gore mosimane yo a mo tsereng setshwantshô ka bo-1970 ke kêtêlêlôpele ya gagwe go baša ba malatlha ba gompieno.

O dirile kgolagano ya gagwe, ka jalo o tlogela fatshe jeno la masisapelo go ya kwa mebileng e e tlhanaselang ya kwa Zola, kwa baša ba kgabisitseng matlhakore a mebila le diphaka, mme o feta ka sejanaga mosadi yo o kgweetsang wheelchair ya gagwe ka maswabi ka mo letlhakoreng la molema la tsela.