Dintlhakgolo ka tsa Temothuo ya Mmutla ee Babalelang Ditsatlholego

© Karoline Steenekamp

Malapa a le mantsi mo Afrika Borwa a retelwa ke go ka itlamela ka dijo tse di nang le proteine e e lekaneng, mme ele ya boleng jo bo kwa godimo. Proteine e botlhokwa go aga mmele. Pele lelapa kgotsa morafe o ka lebelela go bona mebutla go iphepa, go na le dilo tse di tshwanetseng ke go rulaganywa:

Go tlhokega tshimwana ya merogo. Go botlhoka gore tshingwana eo, e nne le meroro e mentsi e e farologaneng go ka abela lelapa meroro e e lekaneng, sebaka sa ngwaga.

Metsi a mantsi.

Di agelo tse di maleba, go sireletsa mebutla kgatlhanong le maemo a loapi, diphologolo tse di jang tse dingwe, mme e bile di nne le sebaka se se lekaneng gore mebutla e kgone go nna mmogo kwa ntle ga kgoreletsso.

Mongwe o a nang le dikeletso, go nnetefatsa gore borapolase ba dira tiro ya go rua mebutla ka tsela e e siametseng katlego.

Goreng Mongwe a ka Lebelela Temothuo ya Mebutla?

Mabaka a go lema ka Mebutla ke a:

Sa ntlha, Mebutla e gola ka bonako, go tla laolwa ke mefuta wa letsopa, mme o ka di tsadisa fa di setse dile dikgwedi di ka nna tlhano go ya go thataro. Di tsala ka bontsi, mme di ka nna le bana bale kwa tlase ga lesome ka sebaka. Di tsala bana ba bantsi ka nako e le nngwe, mme ba ka ballwa kwa tlase ga lesome ka sebaka. Bo mme ba kgona go elama bana bale batlhano go ya go robedi. Go tla laolwa ke mefuta wa letsopa le le ruiwang le maitsanape a morui, mme di ka kgona go amusa bana bale batlhano go ya go robedi, makgetlho a le mane kgotsa thataro ka ngwaga, mme se se ka diragala sebaka sa dingwaga di ka nna tharo go ya go tse tlhano.

Sa bobedi, mebutla ga e tlhoke sebaka se se tona jaaka diphologolo tse dingwe tse di ruelwang nama ya tsone. Di kgona go dira palo ee kwa godimo diphologolo tse dingwe tsa nama ka sebaka se se maleka. Di fetola roughage go proteine ya diphologolo mme di ka abela 2,72 kg ya nama ka dijo le metsi aa lekanang le go go ka fiwang kgomo gore e abele 450 gm ya nama fela. Selekano sa matla a di a tlhokang go tota ka kilograma e le esi e ballwa kwa tlase ga e e tlhokiwang ke nku kgotsa kgomo.

Mebutla ga e tlhoke go fokoletsa morui dijo tsa lelapa ka gonne di ka ijela, masadisa a lelapa le ditlhatshana tsa tshingwana ya gagwe, le fa e le gore seo ese lebaka la go sa di fepe sentle.

Dilo tse Eleng Maduo a Temothuo ya Mebitla

Temothuo ya Mebutla e ka bonatsa dipoelo ka dilo dile dintsi. Tse dingwe tsa tsona di ka jewa mme tse dingwe di ka rekisiwa. Tsotlhe di ka bonatsa maduo aa kwa godimo ga di ka diriwa sentle. Dipoelo tse di tshwanang le boboa ba tsone, bo ka kolekiwa mme ba rekisetswa di tannery fa e le ba boleng jo bo kwa godimo Matlalo aa dirisiwang mo industering ya meaparo e tshwanetse ke go theniwa (tanned) kwa difektring ka metshini mme e e siametseng go dira diphate tse di alwang fa fatshe (rugs), dislepere (slippers) le tse dingwe e ka thenniwa ka matsogo. Sebete sa mmutla se ka diriwa “pate” ya boleng jo bo kwa godimo. Mantle a tsone one a ka busediwa mo tshimwaneng go nonofatsa mmu kgotsa a ka omisiwa mme tsenywa mo dikgetaneng go rekisiwa.
Go laolwa ke dingwaga le mofuta wa letsopa le go dirwang ka lone, mme setopo sa mmutla se ka tshwarella 50% - 60% ya bokete jwa mmele wa yone fa e santse e phela, mme 78% - 87% ya sone sea jega.
Sa bofelo, Nama ya mmutla e monate mme e na le dikotla. E na le selakano sa proteine ya nama e e fetang ya diphologolo tse dingwe tsa polase. Mebutla e na le selekano sa 21,8% ya proteine, mme dikgogo tsone di na le 20%, fa nku yone e na le 15,7% fela. Se sengwe sa botlhokwa ke gore palo a mafura a mmele mogo yone, jaaka cholesterol e kwa tlase mme e na le diminirale dile dintsi tse di agang mmele. Nama ya mmutla e siametse batho ba ba jang dijo tse di balwang (invalid diet) le baikatisi (sportspeople) fa ba le mo maikatosong kgotsa training.

Translated by Ikalafeng Maedi