Colombar

© Glenneis Kriel

Thanololô

Colombar ke mofuta wa mofeine o mosweu o o itsagaleng ka go tlhagisa mefeine e e rothiswang, jaaka brandy le cognac. Ke mongwe wa mefuta e e jalwang thata mo Afrika Borwa mme o ne wa tlhagisiwa go tswa mo go kopanyiweng ga Chenin blanc le Heunisch Weiss (e e itsagaleng gape ka Gouias blanc).

Tlhôlegô

Bordeaux kwa France. Mofuta ono, ka dingwaga tsa bo1970, o ne wa tswa mo kgatlhegong, seno sa dira gore go feta seripagare sa dijalo di komulwe.

Maina A Mangwe

Bon-blanc, Colombard, Colombier (France), French Colombard (California).

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

E ntse e jalwa mo Afrika Borwa go tloga ka bo1920 mme ene e dirisetswa segolo bogolo jaaka mofeine wa motheo wa tlhagiso ya brandy go fitlha ka bo1970, fa badira-mofeine ba kwa Kapa ba lemoga gore e ka tlhagisa mefeini e e kgatlhisang thata e e nowang.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Mofuta ono o dira bontle ka fa tlase ga maemo a bosa a a futhumetseng. O jalwa mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa, mme Olifants River, Kapa Bokone, Robertson le Breedekloof ke tsona di nang le dikarolo tsa ntshô-tlhagiso tse di kgolo.

Kgolô

Ke mofuta o o golang thata, ka ntshô magareng e e ka fitlhang go 15t/ha go ya go 20t/ha. Ntshô e e kwa godimo e a fitlhelelwa mo dikgaolong dingwe.

Go Butswa

Diterebe di butswa thari mo gare ga setlha, go simolola ka seripagare sa ntlha sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e kgolokwe go ya go motôpô o mokhutshwane, ka bogolo jo bo fa magareng ka mmala wa botala jo bo serolwananyana, ka matodi a a phepôle fa e budule thata. Letlapi le le sesane mme le tiile, fa leungokobolwa le nonofile le le matute, ka selekanyo se se kwa godimo sa esiti fa e budule.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare a botala jo bo tseneletseng, bogolo jo bo mo magareng mme a bopegile bokgolokwe go ya go sebopegô sa philô.

Disinyi le Malwetse

Mofuta ono o bonolo go senyiwa ke phefo ka setlha sa kotulo le ke segagane ka dikgakologo. Ga o tsenwe tsenwe fela ke botrytis le phori. Dipoelo tse di siameng di fitlhelelwa fa merara e ageleditswe.

Tiriso

E ka nne ya diriswa mo tlhagisong ya mefeini ya mofuta-nosi, mefeine e e rothiswang jaaka brandy, mofeine o o galakang kgotsa mefeine e e tswakantsweng.

Tatsô

Mofuta ono o tlhagisa brandy le mefeine e e matsetseleko ka tatsô e e gautsêgang ya leungo.Translated by Nchema Rapoo