Catshark

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Catsharks

Leina la Maranyane

Scyliorhinidae

Semeto

Up to 3 m

Ponalo

Tshimologo ya mogatlana wa ntlha wa mokwatla e kwa morago ga megatlana ya kwa mathekeng. Mogatlana wa bobedi wa mokwatla o motona. E na le matlho a a bokgolokwe jwa lee. E na le phathene e e lekalekanang ya mabalala gotlhe mo mmeleng wa yone.

Dikitsiso

Lelapa la Scyliorhinidae le na le maloko a le 15 ka dibopiwa dile 105 tse di farologaneng. Ke lelapa le le tona la magwaragwara (Sharks). Di ka bonwa mo mafelo a a seng kwa boteng ba lewatle gaufi le mafika (reefs) a boteng ba 2000 m.
Dibopiwa tse di matlhagatlhaga bosigo. E tshwara setlhabelo ka go se kometsasa. Di tsala ka go beela mae a magolo a a tiileng a a nang le di’tendrils Dingwe tsa dibopiwa tse di ovoviviparous, se se raya gore e namagadi e tshola mae mo mmpeng mme bana ba tsalwa ba phela fa mae ao a thubega.

Dijo

Gantsi e fepa ka di’invertebrates le ditlhapi tse dinnye.

Anamiso

Di bonala mo mawatleng otlhe a lefatshe.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Coral catshark
Atelomycterus marmoratus
Puffadder shy shark
Haploblepharus edwardsii
Pyjama catshark
Poroderma africanum