Cardinalfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Cardinalfish

Leina la Maranyane

Apogonidae

Semeto

E ka nna 20 cm

Ponalo

Mmele o moleele o pitlaganeng. Matlho a magolo. E na le megatla e mebedi ya mokwatla. Molomo o motona o o sekameng. Mmala wa yone oa kganya ka boshibidu le gauta e le bone bo bonalang thata.

Dikitsiso

Lelapa la Apogonidae le na le maloko a le 22 le dibopiwa dile 207. Leina la mophato o tsewa kwa mmaleng wa tsone o moshibitswana. Gantsi di bonwa ka bobedi kgotsa ditlhophana tse dinnye mo magageng le mo magareng a mafika a lewatle. Gantsi di fepa masigo. Fa mae a tsone a fetsa go nonofatswa e tona e tla a hupa ka molomo go fitlhela a thuba. Ke nngwe ya dibopiwa dile mmalwa tse re bonang tse ditona di elama mae go fitlhela tsalo ya bana ba tsone.

Dijo

E fepa ka zooplankton (gantsi e ja copepods), le di’invertebrates tse di nnye jaaka makakauwe (crabs) le sherimpe(shrimps)..

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng. Fa tse dingwe di bonwa mo metsing a a senang letswai (fresh water).

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Five-lined cardinalfish
Cheilodipterus quinquelineatus
Indian tiger cardinalfish
Cheilodipterus lineatus
Short-toothed cardinalfish
Apogon apogonides