Botlhokwa jwa Histori jwa Robben Island

Maloba ka bo-1700

©Roger de la Harpe
E itsagale thata jaaka lefelo le Nelson Mandela a dutseng dingwaga di le 30 tsa botshelo jwa gagwe mo go lona, Robben Island e na le histori e e botlhokwa go Afrika Borwa. E dirisitswe lantlha jaaka bobolokelo jwa tlhagô, mo teng dikepe tse di fetang di neng di iponela lenyibi la mahala le mae a phinkwini. Fa tseo di sena go fela, dinku le mebutla di ne tsa tliswa. Ka nako enô, badira-dikepeng ba ba neng ba dira bosenyi mo dikepeng ba ne ba foloswa mo setlhaketlhakeng gore ba tshele le go swela teng.
Setlhaketlhake, gotswa fela mo mabôpong a Cape Town, se nnile kgolegelo ya sepolotiki ya ntlha mo nageng maloba ka bo-1700, fa baema-kgatlhanong le puso ya Dutch ba ma-Muslim ba ne ba romelwa koo. Ka motsi wa dintwa tsa Melelwane ya Kapa Botlhaba ka dingwaga tsa bo-1800, baeteledipele ba ba-Xhosa, go akaretsa motlhabani wa moporofeta Makana, ba ne ba romelwa ke bathopi ba ma-Yuropa kwa teng. Morago se ne sa fetoga go nna koloni ya lepere le bookelo jwa bolwetse jwa tlhaloganyo, mme sa nna gape kampa ya WWII pele se fetolelwa go nna kgolegelo ya sepolotiki e e tumileng ya tlhaolele. E ratile go nna lefelo la itlosô-bodutu la gambling le le kwa ntle ga lôbôpo, fela ka lesego ga jaana setlhaketlhake ke lefelo la tshomarelô ya ngwaô le tlhagô.

Translated by Nchema Rapoo