Bona Robben Island

Motse

©David Fleminger
Gompieno, motse ke legae la baagi ba leruri ba le 150. Ba akaretsa badiri ba museum, bakaedi ba kgolegelo, badiri ba National Ports Authority, batlhokomedi ba ntlo-pone ya dikepe, badiredi ba Lefapha la Ditiro le matsopa a le mmalwa gotswa malatsing a maloba. Ke morafe o monnye o o itlhaotseng, fela o a kgatlhisa. Bana ba etelana kwa magaeng a bona ka kgololosego, menyako e tlogelwa e sa notlelwa, nako e tsamaya ka bonya mo ebileng e sena mosola. Ekete ke kwa Canada.

Motse o na le matlo a a ka nnang 100, a rulagantswe ka mela e e sephara mo matlhakoreng ka bobedi a tsela-kgolo. Legae lengwe le lengwe le na le tshingwana e e lorole le moteme go ka tshwara metsi a pula. Ke fela matlo a le 40 a a dulwang ke batho ga jaana, seno se dira gore setlhaketlhake se poke bosigo. Charlé, modiri wa kwa posong, o mpoleletse fa makwalo a le 2000 a feta mo diatleng tsa gagwe ka kgwedi, mme Kantoro ya Poso ya setlhaketlhake e fentse dikgele ka ntlha ya bodira-natla jwa yona. Kereke ya kgale ya Anglican, e ga jaana eleng Dutch Reformed, e santse e na le ditirelo di le pedi ka kgwedi.

Bogare jwa motse ke Ledewinkel kgotsa lebenkele la morafe. Fano ke fao baagi ba selegae ba iponelang ditlhagiswa teng, mme bana ba tlhorontsha mookamedi wa lebenkele ka go tlhola ba mo kopa dimonamone tsa mahala. Mathudi a a sephara a lebenkele a dira gape jaaka lefelo la dikopano, ka ditafole di le pedi tsa polasetiki tse di rebolelwang metlotlo ya thapama. Go bapa le lebenkele ke lebala la metshameko le lebala le le nnye la golf (e maAfrika-Borwa ba e bitsang Putt-Putt). Le ne le agetswe go itumedisa batlhokomedi ba kgolegelo, mme le santse le le mo seemong se se siameng.

Dikagô tse Ntle Fa Go Tshwantshanngwa

©David Fleminger
Lekadiba le le thumelang le le golo, fa morago ga lebota le le kwa godimo, ke koo bana gantsi ba leng kwa teng mo motshegareng; ba athametse letsatsi mo konkoreiteng, mme ba kgarameletsana mo metsing. Motse gape o na le lebala la rugby le la cricket, a o a agilweng kwa tshimologong ke ma-Borithane (e ka nna bomang gape).

Setlhaketlhake sena le sekolo sa bomapimpana le sekolo potlana, ka barutwana ba le 23 le barutabana ba le 2. Ga gona sekolo segolo, ka jalo bana ba ba golwane ba fudugela kwa Cape Town kgotsa ba tshwara sekepe sa badiri se se yang kwa naga-kgolo tsatsi le letsatsi. Fela seno e ka nna loeto lo lo thata, mme go na le kgang nngwe ya moithuti wa marematlou yo a neng a retelelwa ke go tsenela tlhatlhobo ya bofelo ka ntlha ya gore lewatle le ne le pokile. Gatwe, sesole sa mo moweng sene sa romela helicopter go mo lata!

Kwa khutlong ya borwa ya motse, e e lebaganeng le lotshi lo lo mouwane lwa Bloubergstrand, go bodulo jwa Molaodi le ntlo ya moruti. Dikagô tse di ntle fa go tshwantshanngwa tseno di tlhôlêga gotswa dinakong tsa Victorian, mme jaanong di fetoletswe go nna ntlo ya dikopano-kgolo le ntlo ya baeng (e e buletsweng fela baeng ba ba laleditsweng).

Pônô tse di tseisang maanya

©Roger de la Harpe
Fao sena go feta motse, tsela e akgeegela kwa mojeng mme e taboga go ikala le letlhakore le le kwa borwa la setlhaketlhake, go ithara le lôbôpo. Pônô e tseisa maanya. Go ralala mosele, Table Mountain, Devil’s Peak le Lion’s Head di tlhatlhoga ka maatla a e seng a tlholego, di rêna mo setlhaketlhakeng. Jaaka o kgweetsa, mokaedi o tlile go go supetsa mosima wa matlapa wa bogologolo wa ga Van Riebeeck, dikampa di le mmalwa tsa WW2 tsa sesole, bodulô jo bo thubilweng jwa sesole, maiphitho a konkoreite a WW2 le matlhekge a sešeng a sekepe (sekepe sa Fong Chung No. 11, se se nwetseng ka bo 1975).

Ka maswabi, bese jaanong e theela gotswa mo tseleng e e dikologang setlhaketlhake, mme e kgweeletswa go namelela mokgokolosa o o lekanetseng wa Minto Hill, e lebile kwa ntlong-pone. Kwela e ka bonwa gantsi e fula mo tlhageng e kima kwa thitong ya thaba, e mo bo gautshwaneng e sutelang sekgwa se se kitlaneng sa Bluegum. Kwa setlhoeng sa thaba go eme ntlo-pone. E agilwe ka 1865, e bonesetsa sekgala sa 24 sea miles mme e na le lebone la 1.5KW. Lebone le a panyapanya, le panya gangwe sebaka sa metsotswana e le metlhano mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le supa. Ke kokomane ya sešeng ya melelo ya tsiboso e ma-Dutch a neng a e tshuba mo go lona lefelo leno, dingwaga tse di fetang 300 tse di fetileng. Seteišene sa radar, madirêlô a malatlha a tlhobolo a De Wall le madirêlô a phepafatso ya metsi, a o a rebolelang setlhaketlhake metsi a a foreshe, tsotlhe di gaufi le ntlo-pone.

Bese e tswelela go fologelela ka thaba, go feta fa lebaleng le le kileng la rulaganngwa la golf mme e boele kwa motseng. Kwa godimo ga toropo, ka go bonagala fela gotswa fa tseleng, ke diphuphu tsa bobedi tse di nang le mabitla a batlhankedi le dingaka bao ba neng ba dira kwa General Infirmary. Fao sena go boela kwa motseng, bese e retologela kwa molemeng mme e boela morago go ya kwa kgolegelong ya tshireletso e e kwa godimo.

Translated by Nchema Rapoo