Boleng jwa Melemo jwa Tswine ya Dinotshe

© The University of Waikato Te Whare Wānanga o Waikato

Kwa ntle ga go nna sejo sa dikotla se se abelanang ka maatla, tswine ya dinotshe e ntse e itsege go tloga ka dinako tsa bogologolo go nna le sethibela ditshedinyana le sethibela dibaketheria. E ne e dirisiwa ke dingaka tsa Bagerika, Baroma, Baegepeto le Matšhaena go thibela malwetse a mpa jaaka diso tsa mogodu le molemo wa botlhoko ba ditsebe, mometso o o botlhoko le go gotlhola kwa India, tswine ya dinotshe ya lothase e ne e dirisiwa go alafa tshwaetso ya matlho
Tswine ya dinotshe e alafa ditshwaetso le go fodisa dinthos, go akaretsa le go ša gammogo le go tlhabiwa ke ditshenekegi le dikgeleswa. Go tshasa tswine ya dinotshe go ka thusa go fodisa dintho tse di tshwaetsegileng tseo di sa tsibogeleng dilwantsha ditwatsi le diphepafatsi. Go nna bokima ga tswine ya dinotshe go tshola dintho di le mongola e bile go neelana ka sekgoreletsi go thibela tshwaetso.
Tswine ya dinotshe e alafa bolwetsi jwa letlalo, go thusa ka go phepafatsa dintho le go dira letlalo gape. Dipatlisiso di le mmalwa tsa sešeng jaana gape di supile tswine ya dinotshe e fokotsa go tswelela pele ga kankere.
Ditswine tsa bongaka tsa kereiti di na le maatla a go dira kgatlhanong le baketheria e e leng kemokgatlhanong le selwantshi selo seo se ka bakang ditshwaetso tse di ka nnang kotsi mo matshelong a batho. Le fa go ntse jalo, dilo tsa go thibela ditshedinyana di a farologana go ya ka motswedi wa botshe. Tswine ya dinotshe e e dirisediwang kgotsa kadirisiwang mo mabakeng a kalafi kgotsa a melemo e tshwanetseng go dirigatswa go nene fela, go tlhotlhwa, fela e seke ya bidisiwa. Ditswine tsa dinotshe tse di rileng jaaka manuka di ka rekisiwa ka kgethego jaaka dikalafa tsa batho ka ntlha ya motswedi wa dimela o o kgethegileng di feletse ka dithoto tse di kgethegileng.

Tswine ya Dinotshe ya Manuka

Tiro ya thibela ditshedinyana mo ditswineng tse dintsi tsa mefuta e e farologaneng ke ka ntlha ya go ntsha kumo ya motlhodi wa haeterojene pherokesaete, le thibela kgotlelego e e botsatsa. Babatlisisi ba kwa Yunibesithing ya New Zealand ya Waikato ba lemogile ka 1981 gore tswine ya dinotshe ya Manuka e na le maemo a a kwa godimo a motlhodi go feta tswine ya dinotshe ya tlwaelo. Ke metlhodi e e tlholang haeterojene pherokesaete ya tlhago. Nonofo ya thibela baketheria ya tswine ya dinotshe ya manuka e tlhagisiwa jaaka UMF – Unique Manuka Factor – mme e netefaletsa boleng jwa melemo jwa yona.
Tswine ya dinotshe ya Manuka e thibela ditshwaetso tsa Staphylococcus aureus le go thusa go alafa malwetse a a tlogang mo disong le segopalwetse sa mateng a a tlhobaetsang go ya go esiti e e elang mo mesifing le masole a mmele a a bokoa.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Lawrence Ndou