Bogosi jwa kwa Mapungubwe

Nna Bogologolo

©Roger de la Harpe

Ka di 8 Moranang 1933, thibololo e e gakgamatsang ya lebitla le le sa itseweng gore tshimologo ya lona e kwa kae, le ne le tletse ka didiriswa tsa gauta, le ne le dirilwe mo matsitsipelong a setlhoa sa letlapa la tlhago mo kgaolong ya naga.

Masalela a setšhaba sa gagwe sa bogologolo, e jaanong e bidiwang Bogosi jwa Mapungubwe, bo letse bo lebetswe go feta dingwaga di le masome a supa. Tikolgo eno e ne e bidiwa Lekgabe la Mapungubwe mme o bolelela kgang ya go gola ga mošate wa dingwaga tsa tshipi mo Limpopo o o neng o buswa ke kgosi ya se-Aforika bokana jwa dingwaga tse di sekete tse di fetileng.

Go etela kwa Mmotong wa Mapungubwe, lefelo leo baepi ba dilo tsa kgale ba epolotseng tshukudu e e tumileng ya gauta, le lefelo la tlhanolo le le gakgamatsang gaufi le kgoro e kgolo. legae ya tshukudu ya gauta, e e neetsweng!

Translated by Lawrence Ndou