Bodiri Jwa Ga Peter Magubane

© David Meyer-Gollan

Motsayaditshwantshô Wa Ga Nelson Mandela

O ne a betswa le go thujwa nko ke sepodisi sa tlhaolele. O ne a thuntswa, a rathwa ke lerumo la tlhobolo, a golegwa gangwe le gape, a tlhatlhelwa matsatsi a le 586 – paka e telele go gaisa ya go botshwarwa-nosi e e itsagaleng, mme a kganelwa go dira tiro ya gagwe dingwaga di le tlhano.

Peter Magubane, mongwe wa batsayaditshwantshô ba ba tlotlomatswang go gaisa mo Afrika Borwa, o ne a tsaya tseno tsotlhe ka boganka. O tsere ditshwantshô le go gatisa dingwe tsa dipaka le ditiragalo tse di botlhokwa thata mo historing ya Afrika Borwa, go tloga ka mogwanto wa bomme o o neng o lebile Pretoria, go ya go Tsheko ya Rivonia, matlhotlhapelo a kwa Sharpeville, ditsogo-kgatlhanong tsa Seetebosigo 16 1976, mme morago, go gololwa ga Nelson Mandela.

O ne a na le tlotla ya go thapiwa jaaka motsayaditshwantshô wa Mopresidente Nelson Mandela, mme a tshwantshisa botshelo jwa ga Madiba morago ga kgololô ya gagwe. Magubane o tsere maitlamo mo botshelong jwa gagwe go dirisa setsayaditshwantshô go gatisa histori le go senola bosiamolodi. “Setsayaditshwantshô e ne e le tlhobolo ya me. Ke ne ka kgona go bolaya tlhaolele ka ‘tlhobolo’ ya me.” Magubane o ne a kaya. “Ke ne ke batla go golola naga eno ntle le go dirisa tlhobolo ya nnete.”.

Dingwagasome tsa Ditiragalo tsa Histori

Bodiri jwa ga Magubane bo simolotse kwa Drum, kwa teng Jurgen Schadeberg, e leng motsayaditshwantshô yo mogolo, a mo tsereng ka fa tlase ga diphuka tsa gagwe. Phitlhelelo ya gagwe ya ntlha e ne e le fa a bega ka ga kopano-kgolo ya ANC ka 1955. Fa e sale ka motsi oo, o gatisitse dingwagasome tsa ditiragalo tsa histori.

A dira ka bokhukhuntshwane go tsaya ditshwantshô mo sephiring ka go fitlha setsayaditshwantshô ka mo gare ga beibele e e epilweng magare, kgotsa ka mo gare ga senkgwe. “Fa ke batla go tsaya setshwantshô mme o sa batle ke se tsaya, ke tlile go bona tsela. Morago ga matsatsi a le 586 a botshwarwa-nosi ke eng gape se o ka se tshabang?”.

Ka 1967 o golagane le Rand Daily Mail, mme go gotlhana ga gagwe le molao go ne ga simolola: o ne a golegwa fa a ne a bega ka ga ditshupetso kwa ntle ga ntlo ya ga Winnie Mandela, a tlhatlhelwa ka bonosi, fela ditatofatsô di ne tsa gogelwa morago. Morago o ne a nêêlwa taelô-kganetso ya dingwaga di le tlhano e e neng e mo thibela go dira jaaka motsayaditshwantshô kgotsa go tsena ka dikago tsa lokwalo-dikgang.

Seno se ne sa latelwa ke go tshwarwa matsatsi a le 98, dikgwedi tse thataro mo kgolegelong, le go tshwarwa gape morago ga fao. Morago ga go tshwarwa matsatsi a le 586 kwa Modderbee le Pretoria, o ne a gololwa – ka nako go bega ka ga ditsogo-kgatlhanong tsa Seetebosigo 16.

Tlotlomatsô Mo Afrika Borwa le Boditšhabatšhaba

O nêilwa diprojeke ke makwalo-kgatisô a boditšhabatšhaba Times Magazine le Sports Illustrated. Magubane o tlotlomaditswe mo Afrika Borwa le boditšhabatšhaba, o abetswe makwalo a bongaka a tlotlomatsô a le robongwe. O gatisitse dibuka di feta 23 mme o tshwere dipontshô tsa ditshwantshô di le mmalwa.

Snapshot of Dr Peter Magubane's Career

Ka 1990, Dr Peter Magubane o tlhophiwa jaaka motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Nelson Mandela go gatisa phetogelo ya naga go puso ya bot...more