Baboon
Tshwene

© Roger de la Harpe

Leina

Tshwene [Papio sp.]

Dijo

Tshwene ke phologolo e e leloko loo motho, mme e kgolo e bile e batla e tswana le ntjwa mo sefatlhegong e na le meno a tswetseng kwa ntle a a ma golo. Ditshwene di ja dimela le diphologolo jalo ka megaditswane, dinonyane le mae. Ga ntsi di kgona go ka bolaya dipotsana tsa diphuti tse di sa tswang go belegwa le bana ba dinkwe. Tshwene tsa kwa Chacma di ja karolo nngwe le nngwe ya setlhare. Di ja bojang, peo, mmodi, maungo a ma nnye, leboa la semela, maungo, mae le diphologolo tse di nnye jaaka ditshenekegi, megokolodi, dinonyane, megaditswane, le fa go sa tlwaelega di bolaya e bile di ja mmutlwa le bana ba diphala.

Di fitlhelwa kwa kae?

Ditshwene di tshela kwa godimo ga ditlhare, mo mafelong a a seka sekaka le kwa dithabaneng mo bojannyeng go bapa le dithaba tsa Drakensberg. Di tshela di le fa fatshe bontsi jwa nako. Di pagama ditlhare ga fela di tshaba dibatana, ge di senka dijo kgotsa fa di batla go robala bosigo. Di ka robala gape kwa godimo ga maje a kwa godimo ao go ka tweng a wa. Ditshwenyana di tlwaetse go pagama ditlhare ka ntlha ya go ya go tshameka le go dikadika le tsona. Go na le mefuta e e mebedi e megolo mo Afrika. Ke Tshwene ya Chacma