Wild Foxglove

Leina

Wild Foxglove kgotsa African Foxglove

Leina la se Latini

Ceratotheca triloba

Ponalo

Sejalo sa Wild Foxglove ke setlhatsana sa more o o golang ngwaga le le ngwaga. Se gola ka botelele ka thito e e emelelang kwa godimo. matlhare a sone a gola a lebagane, ka mareto (lobes) a mararo, mme a ‘toothed’. Dithunya tsa sone di bosetlhana ba pinki kgotsa bosweu. A boleele mme a na le sebopego sa trompeta.

Bonno

Setlhatsana sa Foxglove se bonala mo mafelong a nang le mafika kgotsa fa thoko ga mmila, mme mo Afrika Borwa o ka se fitlhela kwa diprofinsiing tsa Mpumalanga le Limpopo, le kwa Kruger National Park.

Di-Field Notes

Wild Foxglove ke sethunya se se gakgamatsang, bogolosetona fa di kokoane ka bontsi fa thoko ga mmila.
Le fa e le sethunya sa bontle jo bo tlhatswang pelo go botlhokwa go itse go dikarolo tsotlhe tsa setlhatsana se di botlhole, mme tshefu ya sone e borai go batho le diphologolo.