Vervet Monkey

© Nigel Dennis

Leina

Vervet Monkey [Chlorocebus pygerythrus]

Ponalo

Ya monna e kala bokete jwa 6kg fa e meta boleele ba 1.1m, ga ya mosadi e le nywe mo go yone ka bokete ba 4kg. Vervet Monkey e na le mmele oo silver-grey ka sefatlhego se se ntsho.
Dintshi tsa yone di bosweu, le maoto le boloka ba mogatla. Di genitals tsa ya monna wa mogolo di mmala o releng go bontshagatsa tsiang(sex status) ya yone eleng lepele le leshibidu ka kgetsi e bodudu.

Dijo

Go baonala e le omnivorous, e ja maungo, dithunya, matlhare l ditshenekegi tse e dijang ka bontsi. Ditshwene di balwa le dimamale tse mmalwa tse di kgonang go bona mebala. Se se thusa vervet monkey gore e kgone go farologanya magare ga maungo amatala le a a buduleng.

Tsalo

Phologolo e ke seasonal breeder mme e tsala ngwana ale esi ka nako ya mopitlwe le motsheganong, kwa morago ga malatsi a le 140 a go ima.

Mekgwa

di-Vervet di rata go socialisa mme diphela ka setlhopha tse di tsamaisiwa ke tse ditona. Tse namagadi ga di tlogele lekoko la bone la bo mme, fela tse di tona di ka tlogela lekoko la tsone ga di simolola bokau. Dijo tse di faphegileng di jewa ke barena ba batona mo lekokong.

Bonno

Manyaanya a ditlhare le kgonagalo ya bana bontsi ba metsi, di thusa tshwene e gore e kgone go phela mo mafelong a a farologaneng. Di itsege thata ka go phela kwa sekgweng se se tseneletseng (forest edge).

Di Ka Bonwa Kwa Kae

Mo Afrika Borwa go na le mefuta e le mebedi fela ya ditshwene e leng vervet monkey le samango monkey. Dile mmogo di ja maungo mme di nna mo ditlhare. Se se raya go di ka senya thata kwa dipolaseng tsa maungo.
Vervet Monkey e phatlhaletse gotlhe mo Afrika Borwa mme e nna fela kwa mafelong a nang le ditlhoko tsa yone difeletse. KGodiso e kgolo ya ditlhare tse go tweng ke di-Wattle Tree e thusitse ditshwene tse go ka ata thata. MMe e fitlhelle kwa mafelong a mangwe.