Ka dinako tse di farologaneng le mafelo, baboledi ba seSan ba tshetse ka ditsela tse di farologaneng; batho ba San ab kwa Kgalagadi ga se ba botlhokwa ba ba tlwaelegileng jaaka batho ba San le, le kwa ditlhopheng tsa Kgalagadi, ditsela tsa botshelo di ka farologana.
Lefa go ntse jalo, dithuto tsa ditlhopha tsa kwa Kgalagadi, sekao, Ju/'hoasi le G/wi, di tlhola setshwantsho sa botshelo ba motsumi-mokgoboketsi. Kgaoganyo ya tiro fa gare ga banna le basadi e botlhokwa mo ikonoming. Dimela tsa metheo wa dijo ka tlwaelo di na le dikotla, le basadi, bakgoboketsi ba bagolo, ba na le kitso ya boitseanape jwa naga: ba itse neng fa le mo metswedi jaaka magapu, digwete, mmidi le meretlwa di tshwanetse go bonwa.
Basadi le bona bo kgobokanya kgotsa beela diphologolo tse di nnye dirai (jaaka digagabi, dinonyane le tshepe). Le ba tswile go kgobokanya, ba bona metsamao ya diphologolo tsa naga mme ba fitisetsa tshedimosetso eno kwa go batsomi. Banna le bona ba ka kgobokanya dijo, segolobogolo kwa setlhwng se se kwa tlase sa go tsoma.
Dijo tse di kgobokantsweng di phatlalatswa mo gare ga ba lelapa la kwa bo mokgoboketsi, mme phologolo ya naga e kgolwane e tsomilweng ke banna e a phatlalatswa mo gare ga setlhopha sotlhe.
Leina le le boitshegang ya San jaaka moitseanape wa batsomi ke ka ntlha ya go nna le bokgoni jwa go bona e le go bona ka go sala diphologolo morago le mekgwa ya bona ya go tsoma ya tlholego. Basala diphologolo morago ba batho ba San ba ka sala motlhala go kgabakanya bogodimo bo bongwe le bo bongwe ba tshimo, le go gagamalela tshepe e gobetseng mo gare ga motlhala wa motlhape otlhe go fitlha kwa bokhutlong fa e tlogela motlhape otlhe le go swa.
Batsomi ba dirisa bora le metsu a diriklweng dintlha ka go dirisa botlhole (o o tserweng go tswa mo dikhukhwaneng kgotsa dinoga) e e sa kgoneng go kgotlela nama. Le gale, go le gantsi e tsaya nako pele ga gore botlhole bo dire, go letla phologolo e e swang go tshabela batlhasedi ba yona, ka dinako dingwe ka dikgala tse di bonalang, go dira bokgoni ba go sala motlhala phologolo morago go nna botlhokwa.
Metsu ya batho ba San ke didiriswa tse di botlhale tsa loso. Gompieno, jaaka ka metlha ya pele, di na le dikarolo di le nne. Ntlha e e dirisiwang go dirwa ka lerapo kgotsa matlapa a mannye a a dirilweng ka botswerere; gompieno dipekere tse di dirilweng sephara kgotsa dikarolo tsa lethale di a dirisiwa.
Ntlha e tsenywa mo gare ga 'kgokagano', e e fokotsegang kwa bofelong bo bongwe le bo bongwe mme e tshwerwe kwa teng ke letlhare la motlhaka. Kgolagano e e tsentswe mo mosimaneng ka tsela e e leng gore, fa motsu o betsa setotwa, petso e kgaola kgolagano go tswa mo mosimaneng, le go fokotsa kgonagalo ya tlhogo e dire e sa golagana, jaaka fa go na le bokete bo bo botlhofu bo bo kaleditsweng go tswa mo go yona. Se gape se kaya gore phologolo e ka se kgone go tlosa ntlha bonolo ka go ikgotla ka ditlhare.
Botlhole bo dirisiwa fela mo morago ga ntlha, mme tlhogo ya motsu e tshwanetse go nna mo gare ga phologolo nako e e rileng go netefatsa gore botlhole bo bo e lekane bo monwa mo thulaganyong ya phologolo. Monna yo o leng mong wa motsu o o bolaileng phologolo o na le tshwanelo ya go phatlalatsa nama, go ya ka melao ya botsalano, go netefatsa gore mongwe le mongwe o amogela karolo. Go abelana le ba losika ka tekatekano ya maloko a setlhopha sa ke dikarolo tse di botlhokwa tsa setšhaba sa batho ba San. Le fa e le gore ditlhopha tsa batho ba San be ne ba sena dikgosi tsa sepolotiki, boeteledipele bo ne bo lemogiwa e le tota, go ya ka bogolo le bokgoni.
Go ya ka setso sa setšhaba sa batho ba San, monna o ne a ya go nna le batsadi ba monyadiwa mo lenyalong. Go ne go na le melao ya tlotlo e e neng e tshwanetse go obamelwa magareng ga banyalani le ba kwa bogweng, mme ba ba kgaosantsweng ke kokomana (jaaka bagolo le ditlogolo) ba ne ba letleletswe go nna le ‘kamano ya metlae’ e e kwa tlase ga boitshwaro ba semmuso e ne e le maleba. Batho ba San ba itsiwe ka go tshwaiwa go bona mo go kgotsofatseng bana.
Ka tlwaelo, setlhopha se ne se tla kgaoganngwa ka ditlhophang tse dinnye tsa lelapa ka ditlha (gantsi fa dijo le metsi di el dinnye thata le phatlalala), ba golane gape mo nakong e e tlang. Go neela semmuso ka dimpho, go bidiwa hxaro ke Ju/'hoasi, ke tsela ya go somarela kamano ya go abelana magareng ga ditsala le ba losika bobedi mo le kwa ntle ga setlhopha.
Se se tlhola bobi ba tshegetso le phitlhelelo ya metswedi thuso mo dikgaolong tse dikgolo. Botlhokwa ba thulaganyo ya botsalano mo bathong ba San bo boelediwa ke ditumelo tsa sedumedi, mainane le dikgang, mme, ka go sa tlhamalala, mo botaking ba matlapa.
Translated by Lawrence Ndou